Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ke eng fa go na le boporofeti mo Baebeleng?

Baebele ya reng ka ditiragalo tsa motlha wa rona?—Luke 21:10, 11.

Go na le boporofeti jo bontsi mo Baebeleng. Ga go ope yo o ka bolelelang pele isagwe. Ka jalo, go diragadiwa ga boporofeti jo bo mo Baebeleng ke bosupi jwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo.—Bala Joshua 23:14; 2 Petere 1:20, 21.

Boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe bo dira gore re nne le lebaka la go dumela mo Modimong. (Bahebera 11:1) Bo re tlhomamisetsa gore ditsholofetso tsa Modimo tsa mo nakong e e tlang di tla diragadiwa. Ka jalo, boporofeti jwa Baebele bo dira gore re nne le tsholofelo ya mmatota.—Bala Pesalema 37:29; Baroma 15:4.

Boporofeti jwa Baebele bo re thusa jang?

Boporofeti jo bongwe bo a re tlhagisa gore re tseye kgato. Ka sekai, fa Bakeresete ba bogologolo ba bona boporofeti bongwe bo diragadiwa, ba ne ba tswa kwa Jerusalema. Moragonyana, fa motse o ne o senngwa ka gonne bontsi jwa batho bo ganne go amogela Jesu, Bakeresete ba ne ba ya kwa lefelong le le kgakala e bile le sireletsegile.—Bala Luke 21:20-22.

Boporofeti jo bo setseng bo diragaditswe bo bontsha gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa magosi le dipuso tsa batho. (Daniele 2:44; Luke 21:31) Ka jalo, go potlakile gore mongwe le mongwe a tseye kgato gone jaanong gore a amogelwe ke Jesu Keresete, Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo.—Bala Luke 21:34-36.