Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BASUPI BA GA JEHOFA KE BOMANG?

Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba ba Ntseng Jang?

Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba ba Ntseng Jang?

Re mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o sa amaneng ka gope le mekgatlho e mengwe ya bodumedi. Le fa ntlokgolo ya rona e le mo United States, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo nna mo dinageng tse dingwe. Tota e bile, re batho ba ka nna dimilione di le robedi ba ba rutang batho Baebele mo dinageng di feta 230. Re dira jalo go dumalana le mafoko a ga Jesu a a reng: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.”—Mathaio 24:14.

Go sa kgathalesege gore re nna kae, re ikobela molao. Le fa go ntse jalo, ga re amane ka gope le dipolotiki. Seno ke ka gonne re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore Bakeresete ba se ka ba nna “karolo ya lefatshe.” Ka jalo, ga re tseye karolo mo dipolotiking le mo dintweng. (Johane 15:19; 17:16) Tota e bile, ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsenngwa mo dikgolegelong, ba utlwisiwa botlhoko le e leng go bolawa ka gonne ba sa tseye karolo mo dipolotiking. Monna mongwe wa Mojeremane yo e kileng ya bo e le bishopo a re: “Ka nako ya Puso ya ga Hitler, ke bone fela ba ba neng ba bolela gore segakolodi sa bone ga se ba letle go tsenela bosole.”

“[Basupi ba ga Jehofa] ba ikemiseditse go dira se se siameng. Re ne re ka dirisa batho bao ba ba seng pelotshetlha mo dipolotiking—mme ba ka se dumele. . . . Ba tlotla melao ya puso mme ba dumela gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a batho.”—Lokwalodikgang lwa Nová Svoboda, Czech Republic.

Le fa go ntse jalo, ga re itlhaole. Jesu o ne a rapela Modimo jaana a bua ka balatedi ba gagwe: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng.” (Johane 17:15) Ka jalo, o ka re bona re bereka, re le kwa marekisetsong, kgotsa re ya sekolong.