Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BASUPI BA GA JEHOFA KE BOMANG?

Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16) Re dirisa Baebele go ithuta ka Mmopi le go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang.

Baebele ya re: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Ka jalo, re obamela Jehofa Modimo e bile jaaka Basupi ba gagwe, re leka go itsise batho leina la gagwe.—Isaia 43:10-12.

E re ka re le Bakeresete, re dumela gore “Morwa Modimo” * e bong Jesu, o ne a tla mo lefatsheng mme a nna Mesia. (Johane 1:34, 41; 4:25, 26) Fa a sena go swa, o ne a tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:3, 4) Moragonyana o ne a nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. (Tshenolo 11:15) Bogosi joo ke puso ya mmatota e e tla dirang gore lefatshe e nne Paradaise. (Daniele 2:44) Baebele ya re: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11, 29.

“Fa ba bala Baebele, ba dumela gore Modimo o bua le bone. Ka metlha fa go tlhaga mathata, ba batla tharabololo mo Lefokong la Modimo. . . . Ba dumela gore Lefoko la Modimo le sa ntse le tshela.”—Moruti wa Katoliki e bong Benjamin Cherayath, lokwalodikgang lwa Münsterländische Volkszeitung, Germany

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore le gompieno Baebele e ka solegela batho molemo. (Isaia 48:17, 18) Ka jalo, re ikobela melaometheo ya yone. Ka sekai, ga re goge e bile ga re dirise diritibatsi ka gonne Baebele e re laela go tila dilo tse di senyang megopolo le mebele ya rona. (2 Bakorintha 7:1) Gape re tila dilo tse Baebele e di kgalang tse di jaaka botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa thobalano le go utswa.—1 Bakorintha 6:9-11.

^ ser. 5 Baebele ya re Jesu ke “Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo” ka gonne ke motho wa ntlha e bile ke ene fela yo o bopilweng ke Jehofa ka tlhamalalo.—Johane 3:18; Bakolosa 1:13-15.