Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A re ka itse boammaaruri ka Modimo?

Goreng Modimo a batla re itse boammaaruri? Bala Johane 17:3

Modimo o ne a bua le batho. O dirisitse moya o o boitshepo kgotsa maatla a gagwe go tsenya dikakanyo tsa gagwe mo megopolong ya bakwadi ba Baebele. (2 Petere 1:20, 21) Re ka itse boammaaruri ka Modimo fa re ithuta Baebele.—Bala Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16.

Modimo o senola dilo di le dintsi ka ene mo Baebeleng. O re bolelela gore ke ka ntlha yang fa a bopile batho, o tla ba direla eng le gore o batla ba tshela jang. (Ditiro 17:24-27) Jehofa Modimo o batla gore re itse boammaaruri ka ene.—Bala 1 Timotheo 2:3, 4.

Goreng Modimo a amogela batho ba ba ratang boammaaruri?

Jehofa ke Modimo wa boammaaruri e bile o ne a romela Morwawe e bong Jesu go ruta batho boammaaruri. Ka jalo, batho ba ba ratang boammaaruri ba rata Jesu. (Johane 18:37) Modimo o batla go obamelwa ke batho ba ba ntseng jalo.—Bala Johane 4:23, 24.

Satane Diabolo o dirile gore batho ba le bantsi ba se ka ba itse Modimo ka go anamisa dithuto tsa maaka ka Modimo. (2 Bakorintha 4:3, 4) Batho ba ba sa rateng se se siameng, ba kgatlhiwa ke dithuto tse di ntseng jalo tsa maaka. (Baroma 1:25) Mme bontsi jwa batho ba ba siameng ba ithuta Baebele go bona boammaaruri ka Modimo.—Bala Ditiro 17:11.