Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 140

Botshelo Jwa Mmulatsela

Botshelo Jwa Mmulatsela

(Moreri 11:6)

  1. Fa go sa le moso, letsatsi le tlhaba,

    Re tsena mo tseleng

    re bo re rapela Modimo.

    Fa re kopana le batho re a nyenya.

    Bangwe ba’a reetsa,

    ba bangwe ba a feta, re’a rera.

    (KHORASE)

    Re tlhophile tsela;

    Ya go tshelela Jah.

    Re mo direla ka bojotlhe.

    Re tlhoka boitshoko,

    Le fa go le thata.

    Re dira seno ka gonne re rata Jah.

  2. Fa re boela gae, letsatsi le wela,

    Le fa re lapile,

    re phophoma ka boitumelo.

    Re rata tsela e, re dira bojotlhe.

    Jah re a leboga,

    o re segofatsa ka metlha.

    (KHORASE)

    Re tlhophile tsela;

    Ya go tshelela Jah.

    Re mo direla ka bojotlhe.

    Re tlhoka boitshoko,

    Le fa go le thata.

    Re dira seno ka gonne re rata Jah.