Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 145

Go Ipaakanyetsa go Rera

Go Ipaakanyetsa go Rera

(Jeremia 1:17)

  1. Mo mosong.

    Re ipaakantse

    Re’a go rerela batho.

    Mme go lefifi,

    Pula ya tshologa.

    Gongwe re ka nna ra boifa,

    Re sa tswe.

    (KHORASE)

    Fa’re baakantse mogopolo,

    Re kopa Jehofa;

    O tla re fa moya wa gagwe,

    O re’o tlhokang.

    Baengele ba a re kaela.

    Jesu wa ba laela.

    Mme fa re na le bakaulengwe,

    Re’a nonofa.

  2. Re tla nna

    Le boipelo

    Fa re gopola seno.

    Modimo’o bona

    Maiteko a rona,

    A ka se lebale lorato;

    lwa rona.

    (KHORASE)

    Fa’re baakantse mogopolo,

    Re kopa Jehofa;

    O tla re fa moya wa gagwe,

    O re’o tlhokang.

    Baengele ba a re kaela.

    Jesu wa ba laela.

    Mme fa re na le bakaulengwe,

    Re’a nonofa.