Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 146

Lo go Diretse Nna

Lo go Diretse Nna

(Mathaio 25:34-40)

  1. Jesu o’na le dinku, di dira mmogo le

    ba ba tloditsweng go nna monyadiwa.

    Sepe se ba se direlang

    batlodiwa

    o tla ba duela ka ntlha ya sone.

    (KHORASE)

    “Fa lo ba gomotsa, ne lo nkgomotsa.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.

    Fa lo ba thusitse, lo thusitse nna.

    Mme ke tsaya seo, se direlwa nna.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.”

  2. “Fa ke ne ke tlhoka kgomotso le dijo,

    ke tlhoka le metsi, lo ne lwa nthusa.”

    Ba tla mmotsa ba re:

    “Re dirile seo leng?”

    Mme Kgosi e tla ba araba e re:

    (KHORASE)

    “Fa lo ba gomotsa, ne lo nkgomotsa.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.

    Fa lo ba thusitse, lo thusitse nna.

    Mme ke tsaya seo, se direlwa nna.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.”

  3. “Lo ntse lo’i kanyega, lo dira molemo,

    fa lo ntse lo rera le bomorwarre.”

    Jaanong Kgosi e tla raya

    dinku e re:

    “Ruang lefatshe lo tshelele ruri.”

    ((KHORASE)

    “Fa lo ba gomotsa, ne lo nkgomotsa.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.

    Fa lo ba thusitse, lo thusitse nna.

    Mme ke tsaya seo, se direlwa nna.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.”