Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 137

Basadi ba ba Ikanyegang

Basadi ba ba Ikanyegang

(Baroma 16:2)

  1. 1. Sara, Naomi, Ruthe le ba bangwe—

    Basadi bano ba ne ba’ikanyega.

    Ba ne ba tshelela kobamelo’a Jah.

    Re ba itse ka tumelo ya bone.

    Mme go na le bangwe ba Jehofa,

    A neng a ba rata, le fa re sa ba’itse.

  2. 2. Molemo, tshiamo le bopelonomi;

    Dinonofo tseno di a ratega,

    Basadi bano ba ne ba di bontsha.

    Ba tlhomile sekao se re ka se’etsang.

    Le mo motlheng ono bokgaitsadi

    Ba bontsha tumelo e re ka e etsang.

  3. 3. Bommê, barwadi le batlholagadi,

    Lo akgolelwa ditiro tsa lona.

    Lo bontsha go nna boikobo ka metlha,

    Se boifeng, Jehofa o a lo rata.

    Bokgaitsadi botlhe ba Bakreste,

    Emang lo nitame, Jah o tla lo duela.