Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 146

‘Dilo Tsotlhe di Dirwa Disha’

‘Dilo Tsotlhe di Dirwa Disha’

(Tshenolo 21:1-5)

  1. 1. Bogosi jwa Modimo bo a busa.

    Kgosi ya jone ke Kreste Jesu.

    Satane’o fentswe kwa legodimong,

    O tloga a fenngwa le mo ’fatsheng.

    (KHORASE)

    Batho botlhe a ba’ipele!

    Jah o busa ’fatshe lotlhe.

    Ga go kitla go nna le botlhoko,

    Loso le fa e le khutsafalo;

    A re: ‘Bona tsotlhe di nna disha.’

    Tsa pele di fetile.

  2. 2. A batho ba bone Jerusalema,

    Monyadiwa wa Kwana’a phatsima.

    O kgabile ka maje a mantle,

    Jah ke ene lesedi la gagwe.

    (KHORASE)

    Batho botlhe a ba’ipele!

    Jah o busa ’fatshe lotlhe.

    Ga go kitla go nna le botlhoko,

    Loso le fa e le khutsafalo;

    A re: ‘Bona tsotlhe di nna disha.’

    Tsa pele di fetile.

  3. 3. Dikgoro tsa motse o o rategang,

    Di tla bulwa ka dinako tsotlhe.

    Ditšhaba di tla tlhatlogela teng;

    Di ya go bona kgalalelo’a Jah.

    (KHORASE)

    Batho botlhe a ba’ipele!

    Jah o busa ’fatshe lotlhe.

    Ga go kitla go nna le botlhoko,

    Loso le fa e le khutsafalo;

    A re: ‘Bona tsotlhe di nna disha.’

    Tsa pele di fetile.