Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 151

O Tla Bitsa

O Tla Bitsa

(Jobe 14:13-15)

  1. 1. Botshelo bo tshwana le mouwane,

    Bo feta ka bofefo.

    Re a tshela, kamoso re sule,

    Mme go sala selelo.

    Fa motho a swa, a o tla tshela?

    Jah o solofeditse:

    (KHORASE)

    A bitsa; Baswi ba tsoga.

    Ba tla’utlwa lentswe la ’gwe.

    Jah’o tla tlhologelelwa,

    Tiro ya diatla tsa ’gwe.

    Ka jalo, nna le tumelo,

    Modimo’a ka re tsosa.

    Mme re tshelele ruri,

    Gonne seo ke thato’a Jah.

  2. 2. Le fa ’tsala tsa Modimo di swa,

    Ga’a kitla’a di lebala.

    Botlhe ba mo mogopolong wa ’gwe,

    O tlile go ba tsosa.

    Lefatshe lotlhe le tla fetoga:

    Go nna Paradaise’e ntle.

    (KHORASE)

    A bitsa; Baswi ba tsoga.

    Ba tla’utlwa lentswe la ’gwe.

    Jah’o tla tlhologelelwa,

    Tiro ya diatla tsa ’gwe.

    Ka jalo, nna le tumelo,

    Modimo’a ka re tsosa.

    Mme re tshelele ruri,

    Gonne seo ke thato’a Jah.