PINA 155
O a Re Itumedisa
1. Tiro ya diatla tsa gago
Ruri e’a kgatlha.
Dinaledi le letsatsi
Di a go baka.
O ne wa dira lewatle,
Wa dira ’fatshe le lentle
Wa le kgabisa.
(KHORASE)
Re itumelela popo,
Le molaetsa wa poloko,
Le paradaise e’e tlang.
Ga go sepe se se gaisang
’Rato lwa go lo logolo.
Rre wa rona Jehofa,
O’a re’itumedisa.
2. Fa re ithuta ka wena
Re a’itumela.
O re bopile ka tsela
E’e gakgamatsang.
Mo teng ga ’pelo tsa rona,
O tsentse tlhase ya ’tshelo
Jo bo sa khutleng.
(KHORASE)
Re itumelela popo,
Le molaetsa wa poloko,
Le paradaise e’e tlang.
Ga go sepe se se gaisang
’Rato lwa go lo logolo.
Rre wa rona Jehofa,
O’a re’itumedisa.
(BRIDGE)
Boitumelo jwa rona
O bo rekile
Ka madi a ga Morwao
Gore re nne re’itumetse.
(KHORASE)
Re itumelela popo,
Le molaetsa wa poloko,
Le paradaise e’e tlang.
Ga go sepe se se gaisang
’Rato lwa go lo logolo.
Rre wa rona Jehofa,
O’a re’itumedisa.
(KHORASE)
Re itumelela popo,
Le molaetsa wa poloko,
Le paradaise e’e tlang.
Ga go sepe se se gaisang
’Rato lwa go lo logolo.
Rre wa rona Jehofa,
O’a re’itumedisa.
(Bona le Pes. 37:4; 1 Bakor. 15:28.)