Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 158

Ruri le Tla Tla!

Ruri le Tla Tla!

(Habakuke 2:3)

  1. 1. Mmopi wa rona,

    re a go baka—

    O ne wa bopa

    lefatshe le lentle.

    Le fa re bona

    le senyegile,

    Re itse gore

    o tla le baakanya.

    (KHORASE)

    Rara, re letetse

    lefatshe le lesha

    Re le pelotelele.

    Letsatsi la gago

    le gaufi thata.

    Ga le kitla le diega.

    Ruri le tla tla!

  2. 2. Nako ya gore

    o tsose baswi

    E atametse;

    re tlhoka go leta.

    Rotlhe mo ’fatsheng

    re tla’itumela.

    Re thuse gore

    re se ka ra lapa.

    (KHORASE)

    Rara, re letetse

    lefatshe le lesha

    Re le pelotelele.

    Letsatsi la gago

    le gaufi thata.

    Ga le kitla le diega.

    Ruri le tla tla!

  3. 3. Thato ya gago

    ke gore batho

    Ba ba pelontle

    ba tshelele ruri.

    Rei’tumelela

    go ba rerela,

    Le go ba ruta

    ka Bogosi jwa ’go.

    (KHORASE)

    Rara, re letetse

    lefatshe le lesha

    Re le pelotelele.

    Letsatsi la gago

    le gaufi thata.

    Ga le kitla le diega.

    Ruri le tla tla!

    Re tla nna re letile!

(Bona le Bakol. 1:11.)