Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 42

Thapelo ya Motlhanka wa Modimo

Thapelo ya Motlhanka wa Modimo

(Baefeso 6:18)

  1. 1. Wena Mmopi, o Mothatayotlhe,

    ’Ina la gago le itshepisiwe.

    O diragatsa thato ya ’go.

    Re rapelela Bogosi jwa ’go.

    Re kopa gore bo tle,

    Mme o re segofatse.

  2. 2. Modimo Jah o butse seatla,

    O re naya dimpho tse di molemo.

    Re a tshela ka ntlha ya gago,

    O dira gore re nne botlhale

    O re fa le temogo.

    Ruri re’a go leboga.

  3. 3. Re a boga mo lefatsheng leno.

    Mme re bona, kgomotso kwa go wena.

    Jah re go rolela mathata;

    Re neye maatla a go itshoka,

    Gore re go direle,

    Ka metlha re’ikanyege.