Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 66

Bolelang Dikgang Tse di Molemo

Bolelang Dikgang Tse di Molemo

(Tshenolo 14:6, 7)

  1. 1. Dikgang tsa Bogosi e ne’e le sephiri.

    Jaanong re senoletswe boammaaruri.

    Jah ka bopelotlhomogi le lorato,

    O ne a tlhomogela baleofi pelo.

    O tlhomile Jesu gore e nne Kgosi;

    Modimo o tla tloga a lere Bogosi.

    O ne a tlhophela Jesu monyadiwa,

    Letsomanyane lotlhe le’a itumela.

  2. 2. Go rera go ne ga bolelelwa pele.

    Modimo’o batla gore batho ba utlwe.

    Re dira mmogo le baengele ba ’gwe,

    Gore dikgang tseno di tle di bolelwe.

    Ruri re na le tlotla e kgolo thata

    Ya go galaletsa ’ina la ga Jehofa.

    Re motlotlo go nna Basupi ba gagwe

    Le go itsise batho botlhe ka ene.