Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 76

A ga O Itumelele go Rera?

A ga O Itumelele go Rera?

(Bahebera 13:15)

  1. 1. A ga o’itumele

    fa’o rera le fa’o ruta,

    Fa o kgona go thusa

    Batho ba ba siameng?

    Fa’o dira bojotlhe,

    Jah o tla wetsa tiro;

    Ka o itse dipelo

    Tsa ba ba molemo.

    (KHORASE)

    Re’a itumela, fa re rera

    ka ’pelo tsotlhe tsa rona.

    Ka metlha a re ntshetseng Jah

    ’Tlhabelo sa pako.

  2. 2. A ga o’itumele

    fa o rerela batho

    Ba bo ba kgatlhegela

    go reetsa molaetsa?

    Bangwe ga ba reetse,

    bangwe ba’a re ganetsa.

    Mme rona ga re kitla

    re kgaotsa go rera.

    (KHORASE)

    Re’a itumela, fa re rera

    ka ’pelo tsotlhe tsa rona.

    Ka metlha a re ntshetseng Jah

    ’Tlhabelo sa pako.

  3. 3. A ga o’itumele

    fa Jehofa’a go thusa?

    Gape a go tshegetsa

    fa o ntse o rera?

    Tiro ya go rera,

    ruri ke tshiamelo.

    A re direng bojotlhe;

    re itsiseng botlhe.

    (KHORASE)

    Re’a itumela, fa re rera

    ka ’pelo tsotlhe tsa rona.

    Ka metlha a re ntshetseng Jah

    ’Tlhabelo sa pako.