Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO JWA GA TERRY REYNOLDS

Jehofa o Nthusitse go mo Direla ka Pelo Yotlhe

Jehofa o Nthusitse go mo Direla ka Pelo Yotlhe

 Fa ke na le dingwaga di le 14, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Cecil o ile a mpha Baebele ya gagwe. O ne a e dirisetsa go ithuta mme a kwala dintlha dingwe mo go yone. Ke ile ka re: ‘Tota mpho eno e molemo!’

 Mokaulengwe Cecil e ne e le motho yo o ikokobeditseng e bile a kgathalela ba bangwe. Sekao sa gagwe, sa ga mmê le sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo phuthegong, se ile sa nthusa gore ke batle go direla Jehofa ka pelo yotlhe. (Bafilipi 2:13) E re ke lo tlotlele.

Ke Kgothaditswe ke Matlhagatlhaga a ga Mmê

 Ke tshotswe ka 1943. Batsadi ba me ba ne ba nna mo polaseng e e gaufi le toropo ya Bundaberg kwa karolong ya Queensland, kwa Australia e e neng e itsege ka go lema sugarcane. Batho ba koo ba ne ba tlwaetse go ya toropong ka Lamatlhatso maitseboa gore ba ye go itumelela botsalano. Ka Matlhatso mongwe ka 1939, batsadi ba me ba ile ba kopana le babulatsela bangwe ba babedi ba ba ileng ba bua le bone ka Baebele. Se batsadi ba me ba se ithutileng se ile sa ba ama pelo, mme fa nako e ntse e ya, ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa. Nna le kgaitsadiake Jean, re ile ra golela mo lelapeng le le ratang Jehofa. Ka maswabi, Rre o ile a tlhokafalela mo kotsing kwa gae. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga di le supa, mme ke ne ke gakgamaditswe ke loso lwa gagwe fela thata. Ke sa ntse ke gopola gore rre e ne e le monna yo o dirang ka natla e bile a ithatela metlae, ke tlhologelelwa go mmona fa a setse a tsositswe mo baswing. Ka nako eo ke tla kgona go mo itse botoka.—Ditiro 24:15.

 Mmê e ne e le motho yo o bonolo e bile a le tekatekano. O ne a re letla gore re tlhalose maikutlo a rona. Mme fa go tliwa mo melaometheong ya Baebele le mo go obameleng Jehofa, Mmê o ne a sa kate ka morago. Re ne re ya dipokanong ka metlha, mme o ne a tle a tlhagise nna le Jean ka go itsalanya le batho ba e seng Basupi, segolobogolo jang fa re se kwa sekolong. (1 Bakorintha 15:33) Fa ke akanya ka mmê gone jaanong, ke lebogela go bo a ile a nitama.

Ke na le dingwaga di ka nna 14

 Mmê e ne e le mmoledi yo o tlhagafetseng wa Bogosi mme gangwe le gape o ne a direla e le mmulatsela yo o thusang. Ke gopola gore ka metlha o ne a tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! kwa magaeng a feta 50. Tota le fa a ne a setse a godile e bile a le bokoa, o ne a tshwenyegile thata ka batho ba ba batlang go itse boammaaruri. Mmê o ne a rata batho e bile a rata bana ba gagwe fela thata mme seo se ne se dira gore re mo rate e bile re batle go mo etsa. Ka 1958 fa ke na le dingwaga di le 14, ke ile ka ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

Ke Kgothaditswe ke Ditsala Tse di Siameng

 Morago ga nakonyana Rudolf yo o neng a na le dingwaga di le 20 e bile a le mo phuthegong ya rona, o ile a kolobediwa. O ne a tswa Germany. Ka Matlhatso mo mosong, nna le Rudolf re ne re rerela batho ba ba neng ba dutse mo dikoloing tsa bone fa ba ntse ba emetse ba malapa a bone ba reka mo dishopong.

 Rudolf e ne e le mokaulengwe yo o tlhagafetseng fela thata e bile o ne a nkgothaletsa go tsaya bobulatsela jo bo thusang fa dikolo di tswetswe. Nako nngwe fa re tsere bobulatsela jo bo thusang, re ile ra fetsa dibeke di le thataro mmogo kwa toropong ya Gladstone, e e dikilometara di le 190 go tswa kwa bokone jwa Bundaberg. Ke ile ka nna le keletso ya go nna mmulatsela wa ka metlha ka gonne ke ne ke itumelela go nna mmulatsela yo o thusang. Gape se se ileng sa nthusa ke go bo Rudolf a ile a ntsaya jaaka monnawe. Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka fitlhelela mokgele wa me. Ke ne ke ikemiseditse go direla Jehofa botshelo jwa me jotlhe.

 Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa Mackay, e e kwa bokone jwa toropo ya Bundaberg mme e ne e se kgakala thata le Great Barrier Reef. Morago ga ngwaga, fa ke na le dingwaga di le 17, ke ile ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng a kwa Australia mo lefelong le le neng le se na batho ba bantsi. Ke ne ke bulatsela le mokaulengwe yo o tloditsweng yo o bidiwang Bennett (Ben) Brickell, mme o ne a mpheta ka dingwaga di feta 30. b E ne e le tshiamelo e kgolo go dira le mmulatsela yo o nang le maitemogelo, yo ba le bantsi ba neng ba mo tsaya e le mmulatsela yo o dirang ka natla!

Ke rerela mosadi mongwe kwa magaeng ka 1963

 Tshimo ya rona kwa bokonebophirima jwa Queensland e ne e le kwa nageng e e gaufi le letsha la Carpentaria. Ka nako eo nna le Ben e ne e le rona fela Basupi mo karolong eo e e se nang batho ba bantsi. Ka dinako tse dingwe re ne re kgweetsa diura go tswa kwa ntlong e nngwe go ya kwa go e e latelang. Fa re ntse re kgweetsa mo ditseleng tseo tse di dithole, Ben o ne a tlhola a ntlotlela ka maitemogelo a gagwe a mo bodireding a fa a ne a sa ntse a le mosha. O ne a ntlotlela gore ba ne ba rera ka dikoloi tse di nang le dibuelagodimo c ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Australia.

Nna (mo gare) le mokaulengwe mongwe re tshwaretse mongwe thuto ya Baebele

 Fa re tswa tshimong re ne re kampa mo lefelong le le siameng fa thoko ga tsela. d Re ne re gotsa molelo gore re kgone go apaya. Ke ne ke itirela bete ka go ala kobo e e sa kolobeng fa fatshe ke bo ke pega dikobo tse dingwe fa godimo le mosamo. Ke gopola ka fa ke neng ke anaanela maatla a ga Jehofa ka gone fa ke leba dinaledi di phatshima mo loaping go se na dipone dipe gaufi.

 Mo tshimong eno e e kwa kgakala, go ne go ka nna kotsi fa o ka senyegelwa ke koloi. Nako nngwe tshipi ya koloi e e kopanyang maotwana e ile ya robega. Go ne go le mogote mme re ne re se na metsi a a lekaneng. Ben o ile a tshwanela ke go kopa bafeti ka tsela gore ba mo pege go ya toropong gore a kgone go reka tshipi e nngwe. Ke ile ka sala ke tlhokometse koloi malatsi a ka nna mararo. Letsatsi le letsatsi go ne go feta dikoloi di le mmalwa mme batho ba ne ba mpha metsi. Monna mongwe o ne a mpha buka e e onetseng. O ile a re: “Tsaya o bale tsala, gongwe e ka go thusa.” Buka eo e ne e sa gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa mme se se gakgamatsang ke gore e ne e bua ka se se ba diragaletseng kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi.

 Nna le Ben re ne ra dira mmogo re le babulatsela mo e ka nnang ngwaga. Pele re kgaogana o ile a nthaya a re, “Tswelela o dira ka natla gore o nne o ikanyega.” Sekao sa ga Ben sa go rata Jehofa le go nna matlhagatlhaga mo tirong ya gagwe, se ile sa nkgothaletsa gore ke batle go tswelela ke le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Sekolo sa Gileade, Morago Taiwan

 Morago ga go bulatsela kwa magaeng dingwaga di le dintsi, ke ile ka lalediwa go nna molebedi wa potologo, mme kabelo eo e ne e tlhoka gore ke fetse beke kgotsa go feta le phuthego kana setlhopha sengwe mo potologong. Mo dingwageng tseo, ke ile ka abelwa dipotologo di le nnê. Di ne di akaretsa diphuthego tse di kwa Queensland le New South Wales. Ka 1971, ke ile ka nna le tshiamelo ya go nna mo tlelaseng ya bo51 ya Gileade, e leng sekolo sa barongwa sa Basupi ba ga Jehofa kwa New York. Re feditse dikgwedi di le tlhano re ithuta Baebele mo go tseneletseng e bile re kgothatsana le baithuti ba bangwe. Se ke se ithutileng se ile sa nthusa go ipaakanyetsa kabelo ya me e e latelang ya go nna morongwa kwa Taiwan

Ke le kwa Gileade

 Baithuti ba le robongwe ba ile ba abelwa go ya go dira kwa Taiwan, go akaretsa le Ian Brown, o o tswang kwa New Zealand. O ile a dira mmogo le nna mo tirong ya borongwa. Re ne re sa itse sepe ka Taiwan. Re ne re sa itse le gore e kae go fitlha re e bona mo mmapeng.

 Go na le pharologanyo e e kgolo thata magareng ga Taiwan le magae a a kwa Queensland! Kgwetlho ya ntlha e re kopaneng le yone e ne e le puo ya Se-China. Kwa dipokanong re ithuta dilo tse di re thusang go nonotsha tumelo ya rona, mme go ntsere lobaka go tlhaloganya se se rutiwang kwa dipokanong. Gape ke ne ke sa kgone go buisana le bakaulengwe le bokgaitsadi. Maemo ano a ile a re bontsha botlhokwa jwa katiso e nna le Ian re ileng ra e bona kwa Gileade, le gore ke eng fa re ne re tlhoka go ithuta mo gontsi thata jaana. Go akanya ka seo, go ithuta Baebele le go rapela go re thusitse gore re tswelele re na le botsala jo bo nonofileng le Jehofa. Le fa gone go ne go le thata go buisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re ile ra kgothadiwa thata ke tsela e ba re ratang ka yone le e ba ratang Jehofa ka yone.

Go Ithuta Se-China

 Morago ga go goroga kwa Taiwan, barongwa botlhe ba ile ba tsena tlelase e e khutshwane ya go ithuta Se-China. Kgaitsadi yo o neng a re ruta Se-China ke Kathleen Logan, e yo o tswang kwa Australia yo o ileng a aloga mo tlelaseng ya bo25 ya sekolo sa Gileade. Re ile ra dira ka natla go ithuta puo eo. Fela jaaka re ne re boleletswe, re ile ra dirisa se re neng re se ithuta ka bonako. Letsatsi la ntlha fela kwa bodireding, nna le Ian re ne re tshwareletse motlotlo o o mo khutshwane ka tlhogo. Fa re ntse re le mo tseleng, re ne re tlotla ka gore ke mang yo o tla buang mo ntlong ya ntlha. E re ka ke ne ke feta Ian ka dingwaga, ke ile ka dira motlae wa gore go tla simolola ene mo ntlong ya ntlha. Mong wa ntlo e ne e le monna yo o lebegang a tlotlega wa Mo-China. O ile a reetsa Ian a le pelotelele fa a ntse a bua Se-China se se tlhakaneng le Seesemane. Re ile ra makala fa a re botsa ka Seesemane gore re batla eng! Re ne ra tlotla le ene lobakanyana mme morago ga motlotlo wa rona, o ile a re kgothaletsa gore re se ka ra tlogela go ithuta Se-China. Mafoko a gagwe a ile a re kgothatsa gore re tswelele re dira ka natla, fela jaaka Ben a ne a tle a bue.

 Re ne re abetswe go bereka tshimo kwa toropokgolong ya Taiwan e e bidiwang Taipei. Batho ba le bantsi ba koo ba ne ba ise ba rerelwe molaetsa wa Bogosi ka gonne go ne go na le Basupi ba le mmalwa fela koo. Seno ga se a ka sa re kgoba marapo go na le moo, nna le Ian re ile ra simolola go rera ka tlhagafalo. Gantsi re ne re tsamaisa dimakasine di le dintsi thata mo kgweding. Bangwe ba ne ba tsaya dimakasine tseo ka gonne ba batla go itse gore tota re bomang le gore re ne re batla go ba bolelela eng. Le fa go ntse jalo, re ne re dira ka natla go jala peo ya boammaaruri mme re ne re itse gore e tla ungwa mo dipelong tsa bangwe.

Ke Thusitswe ke Molekane wa me

Nna le Wen-hwa re le mo bodireding ka 1974

 Ka nako eo fa ke ntse ke tsweletse ka bodiredi jwa me, ke ile ka tsalana le kgaitsadi mongwe wa kwa Taiwan e bong Wen-hwa. O ne a rata boammaaruri e bile a batla go thusa batho ba bangwe gore ba solegelwa molemo ke molaetsa wa Baebele fela jaaka ene. O ile a thusa barongwa ba le bantsi go akaretsa le nna go tokafatsa tsela e re buang Se-China ka yone. Fa nako e ntse e ya ke ile ka simolola go rata kgaitsadi yono fela thata mme re ile ra nyalana ka 1974.

 Wen-hwa o ile a thusa barongwa go nna le matswela mo bodireding. Ka sekai, o ile a re thusa go itse mo go oketsegileng ka tsela e batho ba ba nnang kwa Taiwan ba akanyang ka yone, le ka dingwao tsa bone. Tshimo ya rona e ne e tletse Babuda le Batao mme Wen-hwa o ne a re thusa gore re baakanyetse metlotlo e e tla kgatlhang batho mo tshimong eo. Batho ba ne ba obamela badimo mme bontsi bo ne bo ise bo ke bo bale Baebele le fa e le go e bona. Ka jalo, motlotlo wa rona o ne o remeletse thata mo Mmoping, gore leina la gagwe ke Jehofa le gore goreng re ka dumela gore o teng. Ka sekai fa re kopana le molemi kana motshwara ditlhapi a bo a re raya a re, “Re ikantse legodimo go re naya dijo,” re ne re araba ka go re: “Ke mang yo o re tlamelang ka dijo? A ga se Modimo yo o maatlaotlhe, yo o bopileng dilo tsotlhe e bile a tshwanelwa ke gore re mo obamele?”

Ke na le Wen-hwa ka 1975

 Fa nako e ntse e tsamaya Jehofa o ile a segofatsa matsapa a rona. Peo ya Bogosi e e neng e jadilwe mo dipelong tsa batho ba ba siameng e ne ya nna le matswela. Batho bangwe ba re neng re ithuta Baebele le bone, ba ne ba dira ka natla go tlogela dithuto tsa maaka tse ba feditseng dingwaga di le dintsi ba di dumela le go tlogela mekgwa e e sa itumediseng Jehofa. Barongwa le baboledi mo phuthegong ba ile ba ba thusa gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. (Johane 8:32) Bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba tlhomiwa go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ile ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng e e akaretsang go direla kwa Bethele.

 Go tloga ka 1976, ke ne ka newa tshiamelo ya go direla ke le leloko la Komiti ya Lekala la Taiwan mme gape ke ntse ke le morongwa. Ka 1981 nna le Wen-hwa re ne ra kopiwa go tla go direla mo Bethele, mme ke ne ka tswelela ke direla mo komiting ya lekala ka dingwaga di le dintsi. Go setse go fetile dingwaga di feta 60 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. Ke feditse dingwaga di feta 50 ke le kwa Taiwan mme di ka nna 50 ke nyalane le mosadi wa me. Tsala ya me e ke neng ke dira le yone mo tirong ya borongwa e bong, Ian Brown o ne a tswelela a le mo tirelong ya nako e e tletseng go fitlha a tlhokafala ka 2013.

Ke le kwa tirong kwa ofising ya me kwa Taiwan ka 1997

 Nna le Wen-hwa re ne ra leka ka natla go nna re tshwaregile mo tirong ya Bethele, mo phuthegong e re kopanelang mo go yone ya Se-China le mo bodireding. Re leboga Jehofa ka go re naya ditshiamelo tseno tse di itumedisang. O ne a nnaya keletso le maatla a go mo direla ka pelo yotlhe fa ke ne ke le mosimanyana, mme o tsweletse go thusa nna le mosadi wa me go dira jalo mo dingwageng tsa botsofe.

a Mmulatsela yo o kgethegileng ke modiredi wa nako e e tletseng yo o ithaopelang go romelwa kwa mafelong a a farologaneng ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa go nang le tlhokego ya batho ba ba rutang Baebele.

b Kgang ya botshelo jwa ga Bennett Brickell e tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1972, ka Seesemane.

c Dikoloi tse di neng di dirisiwa go rera molaetsa wa Bogosi di ne di tsentswe dibuelagodimo kwa godimo ga tsone gore batho ba ba kgakala ba kgone go utlwa molaetsa.

d Go bona bakaulengwe ba rera kwa tshimong e e kwa thoko bona bidio ya setlhogo se se reng, Go Rera mo Tshimong e e Kwa Thoko—Australia.

e Kgang ya botshelo jwa ga Harvey le Kathleen Logan e tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2021.