Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Setsuatsue se se bidiwang Ian kwa Florida, USA, September 2022 (Sean Rayford/Getty Images); mo gare: Mmê o na le morwawe ba tswa mo lefelong le le amegileng kwa Donetsk, Ukraine, July 2022 (Alex Chan Tsz Yuk/SOPA Images/LightRocket via Getty Images); ka fa mojeng: Batho ba bantsintsi ba tlhatlhobelwa COVID kwa Beijing, China, April 2022 (Kevin Frayer/Getty Images)

NNANG LO DISITSE!

2022: Ngwaga wa Tlhakatlhakano—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

2022: Ngwaga wa Tlhakatlhakano—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka ngwaga wa 2022, mo dikgannyeng go ne go buiwa thata ka dintwa, mathata a ikonomi le masetlapelo. Baebele ke yone fela e re tlhalosetsang gore tota ditiragalo tseno di kaya eng.

Se ditiragalo tsa 2022 di se kayang

 Ditiragalo tsa ngwaga o o fetileng, di bontsha sentle gore re tshela mo nakong e Baebele e e bitsang ‘malatsi a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) ‘Malatsi ao a bofelo,’ a ne a simologa ka ngwaga wa 1914. Ela tlhoko kafa ditiragalo tsa bosheng di dumalanang ka gone le se Baebele e neng ya se bolelela pele ka nako e re tshelang mo go yone:

 “Dintwa.”Mathaio 24:6.

  •    “Ka ngwaga wa 2022, Yuropa e ne ya lebana gape le ditlamorago tse di botlhoko tsa ntwa.” a

 Bala setlhogo se se reng, “Russia e Tlhasela Ukraine.”

 “Ditlhaelo tsa dijo.”Mathaio 24:7.

  •    “Ka ngwaga wa 2022 go ne ga nna le leuba le legolo.” b

 “Malwetse a leroborobo.”Luke 21:11.

  •    “Bolwetse jwa polio bo ne jwa boa gape, bolwetse jwa monkeypox e ne ya nna bothata jo bogolo, mme COVID-19 e tsweletse ka go ama batho ba le bantsi. Boemo jono bo ne jwa bontsha kafa malwetse a a tshelanwang a leng kotsi ka gone le gore a kgona go tsena batho motlhofo fela.” c

 “Dilo tse di tshosang.”Luke 21:11.

  •    “Mogote o o kwa godimo thata, komelelo, melelo ya naga le merwalela. Paka ya selemo ya ngwaga wa 2022 e tla gopolwa ka ditiragalo tse dintsi tse di bakilweng ke maemo a bosa a a feteletseng, tse di neng tsa baka tshenyo e kgolo, tsa bolaya batho ba le diketekete mme tsa tlogela batho ba le dimilione ba se na magae.” d

 “Dikhuduego [kgotsa, “dipheretlhego; tlhakatlhakano,” ntlh.].”Luke 21:9.

  •    “Ka ngwaga wa 2022, e re ka batho ba ne ba galefisitswe thata ke mathata a ikonomi, segolobogolo go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dilo, ba ne ba dira megwanto e mentsi ba ngongorega kgatlhanong le dipuso.” e

 Bala setlhogo se se reng, “Go Tlhatloga ga Ditlhwatlhwa.”

Go tla direga eng mo ngwageng o o latelang?

 Ga go na ope yo o itseng gore tota go tla direga eng ka ngwaga wa 2023. Se re se itseng ke gore go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo, kgotsa puso e e kwa legodimong, bo tla tlisa diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. (Daniele 2:44) Puso eo e tla fedisa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge e bile e tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e a dirwa mo lefatsheng.—Mathaio 6:9, 10.

 Re go kgothaletsa gore o tseye tsia kgakololo ya ga Jesu Keresete mme ‘o nne o disitse’ gore o bone kafa ditiragalo tsa lefatshe di diragatsang boporofeti jwa Baebele ka gone. (Mareko 13:37) Tsweetswee ikgolaganye le rona gore o ithute dintlha tse di oketsegileng tsa kafa Baebele e ka go thusa ka teng gone jaanong le kafa e ka nayang wena le ba lelapa la gago bokamoso jo bo botoka ka gone.

a AP News, “2022 Was Year the Horror of War Returned to Europe,” ka Jill Lawless, December 8, 2022.

b World Food Programme, “A Global Food Crises.”

c JAMA Health Forum, “Living in an Age of Pandemics—From COVID-19 to Monkeypox, Polio, and Disease X,” ka Lawrence O. Gostin, JD, September 22, 2022.

d Earth.Org, “What’s Behind the Record-Breaking Extreme Weather Events of Summer 2022?” ka Martina Igini, October 24, 2022.

e Carnegie Endowment for International Peace, “Economic Anger Dominated Global Protests in 2022,” ka Thomas Carothers le Benjamin Feldman, December 8, 2022.