Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JenkoAtaman/stock.adobe.com

NNANG LO DISITSE!

Mabaka a go Nna le Tsholofelo ka Ngwaga wa 2023—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Mabaka a go Nna le Tsholofelo ka Ngwaga wa 2023—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Fa ngwaga wa 2023 o ntse o simologa, re nna le tsholofelo ya gore dilo di tla re tsamaela sentle le ba malapa a rona. Goreng re solofela gore dilo di tla nna botoka?

Baebele e re naya tsholofelo

 Baebele e na le dikgang tse di molemo tsa gore mathata a re nang le one gone jaanong ke a nakwana mme a tlile go fedisiwa. Tota e bile, Baebele e ne ya “kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo.”Baroma 15:4.

Go nna le tsholofelo go ka go thusa gone jaanong

 Tsholofelo e Baebele e re nayang yone e tshwana le ‘tshetledi mo matshelong a rona.’ (Bahebera 6:19) Tsholofelo e re thusa go itshokela mathata a re nang le one, go leba dilo ka tsela e e siameng le go itumela. Ka sekai:

Nonotsha tsholofelo ya gago

 Batho ba le bantsi ba eletsa gore go direge dilo tse di molemo, mme gone ga ba a tlhomamisega gore dilo tse ba di eletsang di tla tsamaya di direga. Ditsholofetso tse di mo Baebeleng tsone di tla direga. Goreng re rialo? Ka gonne ditsholofetso tse di mo Baebeleng di tswa kwa go Jehofa a, “yo a ka se kang a aka.” (Tito 1:2) Jehofa ke ene fela yo o nang le maatla a go diragatsa se a se solofeditseng; o kgona go “dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira.”—Pesalema 135:5, 6.

 Re eletsa gore le wena o solegelwe molemo ke tsholofelo e Baebele e re nayang yone. O ka tshepa se e se buang ka go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko.” (Ditiro 17:11) O ka dira seno ka go ithuta Baebele mahala. Simolola ngwaga wa 2023 ka go nna le tsholofelo!

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.