Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ahmad Gharabli/AFP via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

A Dipuso di ka Dirisana Mmogo go Lwantsha Maemo a Bosa a a Fetofetogang a a Bakang Tshenyo e Kgolo?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

A Dipuso di ka Dirisana Mmogo go Lwantsha Maemo a Bosa a a Fetofetogang a a Bakang Tshenyo e Kgolo?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka Sontaga, November 20, 2022, pokano ya COP27 United Nations Climate Change Conference e ne ya khutla. Baeteledipele le bomankge ba ba neng ba le gone kwa pokanong eno, ba ne ba dumalana gore ba abele dinaga tse di humanegileng madi e le go di thusa gore di baakanye ditlamorago tse di bakilweng ke masetlapelo a a nnileng gone ka ntlha ya maemo a bosa. Mme batho ba le bantsi ba dumela gore seno ga se ka ke sa fedisa maemo a bosa a a fetofetogang.

  •   Ka November 19, 2022, António Guterres yo e leng motsamaisimogolo wa Lekgotla la Ditshaba Tse di Kopaneng o ne a re: “Ke itumelela gore re dirile tshwetso ya gore re beele madi kwa thoko gore re thuse ba ba bogang ka ntlha ya maemo a bosa a a fetofetogang. Mme gone, re a itse gore seno ga se a lekana . . . Lefatshe la rona le mo kotsing ya go senyega mo le ka se kgoneng go baakanngwa.”

  •   “Go ise go ye kae, lefatshe le ka nna la lebana le go fetofetoga ga maemo a bosa mo gogolo mo go ka amang mongwe le mongwe ka tsela e e sa siamang.”—Mary Robinson, yo e neng e le moporesidente wa Ireland le yo gape e neng e le Mokomishinara yo Mogolo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa Ditshwanelo Tsa Batho, November 20, 2022.

 Basha ke bone ba segolobogolo ba tshwenyegileng ka se se tla diragalelang polanete ya rona mo nakong e e tlang. Mme gone, a dipuso di ka dirisana mmogo go diragatsa maikaelelo a tsone a go baakanya maemo a bosa a a fetofetogang? Baebele e a reng ka kgang eno?

A dipuso di tla atlega mo maitekong a tsone?

 Baebele e re bolelela gore le fa gone go ya bokgakaleng jo bo rileng dipuso di ka kgona go tokafatsa maemo a bosa a a fetofetogang, ga di kitla di fedisa mathata ao gotlhelele. Ela tlhoko mabaka a le mabedi a gore ke eng fa ba ka se atlege:

  •   “Se se sokameng ga se ka ke sa tlhamaladiwa.”—Moreri 1:15.

     Se e se kayang: Dipuso ga di kgone go dira sengwe le sengwe se di batlang go se dira ka gonne batho ba ne ba sa bopelwa go ipusa. (Jeremia 10:23) Tota le fa dipuso di ka dirisana mmogo go leka go rarabolola mathata a lefatshe, di ka se kgone go a rarabolola, le fa di ka dira ka natla go le kana kang.

  •   “Gonne batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi, . . . ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe.”—2 Timotheo 3:2, 3.

     Se e se kayang: Baebele e ne ya bolelela pele gore batho ba le bantsi mo motlheng wa rona ba ne ba tla nna pelotshetla e bile ba sa batle go dirisana mmogo gore batho ba bangwe ba solegelwe molemo.

Lebaka la go nna le tsholofelo

 Mme gone, bokamoso jwa lefatshe la rona ga bo a ikaega ka ditsholofetso tse di dirwang ke dipuso tsa batho. Modimo o tlhomile Mmusi yo o nang le bokgoni, e bong Jesu Keresete. Baebele e bua jaana ka ene:

  •   “Puso e tla nna mo legetleng la gagwe. O tla bidiwa Mogakolodi yo o Botlhale, Modimo Mothata, Rara Yo o Sa Khutleng, Kgosana ya Kagiso.”—Isaia 9:6, ntlha e e kwa tlase.

 Jesu ke ene Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, kgotsa puso e e kwa legodimong. (Mathaio 6:10) O na le maatla le botlhale jwa go tlhokomela polanete ya rona le batho ba ba nnang mo go yone e bile o eletsa go dira jalo. (Pesalema 72:12, 16) Puso eno e e kwa legodimong e e eteletsweng pele ke Jesu, e tla fedisa “ba ba senyang lefatshe” e bile e tla dira gore lefatshe le nne jaaka le ne le ntse kwa tshimologong.—Tshenolo 11:18; Isaia 35:1, 7.

 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka gore ke eng se se tla fedisang maemo a bosa a a bakang tshenyo, bala setlhogo se se reng, “Climate Change and Our Future—What the Bible Says.”