Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

kovop58/stock.adobe.com

NNANG LO DISITSE!

A Mme Diolimpiki di ka Kgona go Kopanya Batho?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

A Mme Diolimpiki di ka Kgona go Kopanya Batho?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Mo e ka nnang batho ba le dibilione di le tlhano ba tla bo ba lebile batshameki ba ba tswang mo dinageng di le 206, fa ba tshameka mo Diolimpiking tsa 2024. Thomas Bach, moporesidente wa Komiti ya International Olympic a re, “Re karolo ya tiragalo e e kopanyang batho mo lefatsheng lotlhe. A re itumeleleng Diolimpiki ka gonne di dira gore go nne le kagiso gape di kopanya batho ba ba farologaneng.”

 A mme gone Diolimpiki di ka kgona go fitlhelela seno? A re ka kgona go tshela ka kagiso le ka kutlwano?

A Diolimpiki di ka dira gore go nne le kagiso le kutlwano?

 Diolimpiki tsa ngwaga ono di dirile gore batho ba akanye ka dilo tse dingwe go na le metshameko. Metshameko eno e bontshitse dilo tse di bakang kgaogano magareng ga batho go akaretsa le dikgang tsa sepolotiki. Dilo tseno di akaretsa ditshwanelo tsa batho, kgethololo ya lotso, ya bodumedi le go tlhoka tekatekano.

 Metshameko e tshwana le ya Diolimpiki e tlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, go na le gore di dire gore go nne le kagiso le kutlwano di dira gore batho ba kgaogane le go feta.

 Baebele e ile ya bolelelapele gore batho ba tla nna le mekgwa e e tla dirang gore go se ka ga nna le kutlwano. (2 Timotheo 3:1-5) Go ithuta mo go oketsegileng ka boporofeti jono jwa Baebele, bala setlhogo se se reng “Did the Bible Predict the Way People Think and Act Today?

Tsholofelo ya mmatota ya kagiso le kutlwano mo lefatsheng

 Baebele e bua ka tsholofelo ya mmatota ya kagiso le kutlwano e e tla nnang gone mo lefatsheng. E solofetsa gore batho ba tla tshela ka kutlwano fa ba busiwa ke puso e e kwa legodimong, e leng “Bogosi Jwa Modimo.”​—Luke 4:43; Mathaio 6:10.

 Kgosi ya Bogosi joo e bong Jesu Keresete, e tla tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe. Baebele e a re:

  •   “Basiami ba tla oketsega, e bile kagiso e tla nna ntsi.”​—Pesalema 72:7.

  •   “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso . . . O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”​—Pesalema 72:12, 14.

 Gompieno dithuto tsa ga Jesu di kopanya batho ba ba tswang mo dinageng di le 239. E re ka e le Bakeresete, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ithutile go tshela mmogo le ba bangwe ka kagiso. Go ithuta mo go oketsegileng bala makasine wa Tora ya Tebelo wa setlhogo se se reng “A Letlhoo le Tla Fela?