Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

mustafahacalaki/DigitalVision Vectors via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

A Artificial Intelligence E a Re Thusa Kgotsa Jang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

A Artificial Intelligence E a Re Thusa Kgotsa Jang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Go na le dilo dingwe tse baeteledipele, baitsesaense le ba ba dirang ka thekenoloji ba ileng ba di bua ka Artificial Intelligence kgotsa AI.  a Le fa gone ba bona botlhokwa jwa yone, ba re ba tshwenyega ka gore go ka diragala eng fa e sa dirisiwe sentle.

  •   “AI ke nngwe ya dilo tse di ka tokafatsang matshelo a batho fela thata . . . Le fa go ntse jalo, e ka re tsenya mo kotsing fa go tliwa mo dikgannyeng tsa tshireletsego le ditshwanelo tsa rona tsa botho, e bile e ka feleletsa e dira gore batho ba bangwe ba itse dilo tse re sa batleng gore ba di itse. Gape e ka dira gore re se ka ra tlhola re tshepa puso.”—Kamala Harris, motlatsa poresidente wa kwa United States, May 4, 2023.

  •   “Le fa gone go lebega AI e ka kgona go thusa ka tsa kalafi, e ka tsenya botsogo jwa batho mo kotsing.”—Seno ke se dingaka dingwe le baitse ba tsa kalafi bangwe ba ba eteletsweng pele ke Dr Frederik Federspiel, ba ileng ba se kwala mo kgatisong ya BMJ Global Health b e e ileng ya gololwa ka May 9, 2023.

  •   “Batho ba ka dirisa AI go fetisa tshedimosetso e e seng boammaaruri. E ka feleletsa e dira gore batho ba tlhoke mebereko. Batho ba bangwe ba ba dirang ka thekenoloji ba tshwenyegile ka gore fa nako e ntse e ya, e ka tlhagisetsa batho kotsi.”—The New York Times, May 1, 2023.

 Go tla bonala fa nako e ntse ya gore a batho ba tla dirisa AI go dira dilo tse di siameng kgotsa go utlwisa ba bangwe botlhoko. Baebele e a reng?

Ke eng fa batho ba sa tshepe dilo tse di dirilweng ke ba bangwe?

 Baebele e tlhalosa gore goreng batho ba sa tshepe gore fa nako e ntse e ya, thekenoloji e tla dirisediwa dilo tse di siameng.

  1.  1. Le fa gone batho ba dira dilo dingwe ka maikaelelo a a siameng, ga ba kgone go itse ditlamorago tse di tla nnang gone.

    •   “Go na le tsela e e lebegang e siame mo mothong, mme kwa bofelong e isa kwa losong.”—Diane 14:12.

  2.  2. Motho ga a kgone go laola tsela e batho ba dirisang sengwe se a se dirileng ka gone.

    •   ‘Ke tshwanetse go tlogelela motho yo o tlang morago ga me [tiro ya me]. Mme ke mang yo o itseng gore a o tla nna botlhale kgotsa seeleele? Le fa go ntse jalo, o tla laola dilo tsotlhe tse ke dirisitseng maatla a me le botlhale jwa me gore ke nne le tsone mo lefatsheng.’—Moreri 2:18, 19.

 Mabaka ano a bontsha gore re tlhoka go kaelwa ke Mmopi wa rona.

Re ka tshepa mang?

 Mmopi wa rona o re solofetsa gore ga a kitla a letla ope kgotsa thekenoloji epe e senya lefatshe kgotsa batho.

  •   “Lefatshe lone le tswelela le le gone ka bosakhutleng.”—Moreri 1:4.

  •   “Basiami ba tla rua lefatshe, Mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

 Mmopi wa rona o dirisa Baebele go re kaela gore mo nakong e e tlang, re kgone go itumelela go tshela ka kagiso e bile re sireletsegile. Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Ke Eng Se se Ka re Thusang go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang?” le se se reng “A Real Hope for a Better Tomorrow” ka seesemane.

a Artificial Intelligence kgotsa AI ke tsela e di dirisiwa tsa thekenoloji di dirilweng ka yone gore di kgone go dira dilo jaaka batho

b Mafoko ano a tswa mo kgatisong ya “Threats by Artificial Intelligence to Human Health and Human Existence,” e e kwadilweng ke Frederik Fe der spiel, Ruth Mitchell, Asha Asokan, Carlos Umana le David McCoy.