Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Reng ka Tlhaelo ya Metsi?

Baebele ya Reng ka Tlhaelo ya Metsi?

 Rotlhe re tlhoka metsi a a phepa gore re kgone go tshela. Mme gone, Motsamaisimogolo wa UN e bong António Guterres a re: “E re ka go na le tlhokafalo e kgolo ya metsi mo lefatsheng lotlhe, seo se dira gore go nne le tlhaelo e kgolo ya metsi. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ga ba kgone go bona metsi a a phepa.”

Strdel/AFP via Getty Images

 A re tla tsamaya re nna le metsi a a lekaneng? Kgotsa a re tla tswelela re tshwaragane le bothata jono jwa tlhaelo ya metsi? Baebele e a reng?

Se Baebele e se solofetsang ka maemo a metsi

 Baebele e a re nako nngwe re tla bo re sa tlhole re na le tlhaelo ya metsi. Tota e bile, go tla bo go na le metsi a mantsi e bile a le phepa.

 “Gonne metsi a tla pomponyega mo nageng, le melatswana e tla pomponyega mo sekakeng. Mmu o o omeleditsweng ke mogote o tla nna jaaka mogobe o o tletseng lotlhaka, le mmu o o nyorilweng o tla nna jaaka metswedi ya metsi.”—Isaia 35:6, 7.

 Goreng re ka dumela tsholofetso eo ya Baebele? Bona kafa Baebele e tlhalosang tsela e polanete ya rona e dirilweng ka yone.

Se Baebele e se buang ka lefatshe le modikologo wa metsi

 ‘Modimo ga a bopela lefatshe lefela, mme o le bopetse gore le nniwe.’—Isaia 45:18.

 E re ka Modimo a dirile lefatshe gore batho le diphologolo ba kgone go tshela mo go lone, o dirile gore go nne le dilo tsa tlhago tse di dirang gore go nne le metsi a mantsi a a phepa.

 “[Modimo] o gogela marothodi a metsi kwa godimo; a fetoga pula e e tswang mo mouwaneng wa gagwe; go tswa foo, maru a rothisa pula, a e nesetsa batho.”—Jobe 36:27, 28.

 Temana eno e tlhalosa tsela e Modimo a dirileng modikologo wa metsi ka yone. Metsi a tlhatlogela kwa godimo e le mouwane a tswa mo lefatsheng le mo mawatleng, mouwane oo o bo o fetoga maru go tswa foo pula e bo e na, seo se dira gore batho le diphologolo ba nne ba na le metsi a a phepa.—Moreri 1:7; Amose 5:8.

 “Ke tla lo nesetsa dipula tsa medupe ka dinako tsa tsone, mme lefatshe le tla ungwa le ditlhare tsa naga di tla ntsha maungo a tsone.”—Lefitiko 26:4.

 Modimo o ile a solofetsa Baiseraele gore o tla dira gore dijalo tsa bone di tlhoge ka go ba naya metsi. O a itse gore re tlhoka pula e e lekaneng ka nako e e siameng gore re nne le dijo.

 Go ise go ye kae, Modimo o tla re direla se a ileng a se direla Baiseraele ba bogologolo. (Isaia 30:23) Gompieno mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe go na le tlhaelo e kgolo ya metsi mme lengwe la mabaka ke gore pula ga ene. Baebele ya re mathata a metsi a tla rarabologa jang?

Tlhaelo ya metsi e tla fela jang?

 Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go rarabolola mathata a a mo polaneteng ya rona go akareletsa le a metsi. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi jwa Modimo ke puso e e kwa legodimong e e tla busang mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44; Tshenolo 11:15) Mo godimo ga moo, bogosi joo bo tla dira se dipuso tsa batho di palelwang ke go se dira, e leng go rarabolola bothata jwa metsi.

 Bothata: Go fetofetoga ga maemo a bosa go kgoreletsa modikologo wa metsi. Seno se dira gore go nne le komelelo le merwalela ka ntlha ya dipula tse di maatla kgotsa go penologa ga lewatle.

 Tharabololo: Bogosi Jwa Modimo bo tla baakanya tshenyo yotlhe e e diragetseng mo tikologong gore polanete ya rona e kgone go boa e siama. Modimo o solofeditse jaana: “Ke dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) Mafelo a a omeletseng a tla nna le metsi a mantsi mme seo se bo se dira gore go tlhoge dijalo tota le kwa mafelong a go sa nniweng kwa go one. (Isaia 41:17-20) Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e bong Jesu Keresete, o tla kgona go laola maatla a tlholego mo lefatsheng.

 Fa Jesu a le mo lefatsheng o ne a kgalemela phefo e e maatla, mme ka go dira jalo o ne a re bontsha lemmenyana la maatla a Modimo a mo neileng one. (Mareko 4:39, 41) Fa Jesu a busa e le Kgosi go tla bo go sa tlhole go na le masetlapelo a tlholego. Batho ba tla bo ba tshela ka kagiso ba sireletsegile mme go sena masetlapelo ape.

 Bothata: Dinoka le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe a kgotlelwa ke dikgwebo le batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi mme seo se dira gore go nne le tlhaelo ya metsi a a phepa.

 Tharabololo: Modimo o tla baakanya lefatshe a bo a dira gore dinoka, mawatle le mmu di nne phepa. Lefatshe le tla nna paradaise. Fa Baebele e bua ka kgang eno e a re: “Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela, e bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô jaaka saferone.”—Isaia 35:1.

 Go tla diragala eng ka batho ba ba sa kgathaleng ka tikologo ya bone le ka batho ba bangwe? Modimo a re o tla ‘senya ba ba senyang lefatshe.’—Tshenolo 11:18; Diane 2:21, 22.

 Bothata: Batho ga ba dirise metsi sentle, ba dirisa metsi a mantsi go feta a lefatshe le re nayang one.

 Tharabololo: Re itumelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tla dira gore ‘thato ya Modimo e diragale mo lefatsheng’ mme e seng ya batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi Jwa Modimo bo tla naya babusiwa ba jone thuto ya maemo a a kwa godimo. Isaia 11:9 e a re: “Lefatshe le tla bo le tletse kitso ya ga Jehofa.” a Batho ba tla tlhokomela polanete ya bone le dilo tsa tlhago tse di leng mo go yone, ba thusiwa ke thuto eo ya maemo a a kwa godimo le tsela e ba ratang Modimo ka yone le dilo tse a di dirileng.

  •    Go ithuta mo go oketsegileng ka se Bogosi Jwa Modimo bo tla se dirang bona setlhogo se se reng, “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dira Eng?

  •    Bona gore Modimo o tla dira jang gore lefatshe e nne paradaise ka go bala buka ya Baebele ya Isaia kgaolo 35.

  •    Go Ithuta mo go oketsegileng ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe le batho leba bidio ya setlhogo se se reng, Goreng Modimo a Ile a Bopa Lefatshe?

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?