Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Comstock Images/Stockbyte via Getty Images

LETSHOLO LE LE KGETHEGILENG

Baeteledipele ba Dipolotiki Ba ba Sa Ikanyegeng—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Baeteledipele ba Dipolotiki Ba ba Sa Ikanyegeng—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

 Batho ba batla go busiwa ke baeteledipele ba ba ikanyegang; ba lapisitswe ke baeteledipele ba gone jaanong ba ba sa ikanyegeng. Mo potsolotsong e e neng ya dirwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ya bo ya gatisiwa ka 2023, batho ba le bantsi ba ile ba tlhalosa gore babusi ke bone batho ba bofelo go ka ikanngwa. a

 Baebele e tlhalosa gore go na le puso nngwe e Moeteledipele wa yone a ikanyegang, yo o sa direng bonweenwee e bile a se kitla a bo dira. Puso eo ke Bogosi Jwa Modimo mme Moeteledipele wa yone ke Jesu Keresete.—Isaia 9:7.

 Jesu o ne a bontsha ka ditiro gore ruri o amega ka batho. (Mathaio 9:35, 36) E re ka e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, go ise go ye kae o tla tlhomamisa gore go dirwa tshiamiso mo lefatsheng le gore batho botlhe ba ba batlang go busiwa ke ene, ba tshela ka kagiso.—Pesalema 72:12-14.

a 2023 Edelman Trust Barometer Global Report.