Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

YURI LASHOV/AFP via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

A Bakeresete ba Tshwanetse go Tsaya Karolo mo Dintweng?—Baebele e a Reng?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Tsaya Karolo mo Dintweng?—Baebele e a Reng?

 Baruti ba dikereke ba le bantsi ba kgothaletsa batho gore ba tseye karolo mo dintweng, jaaka re bone mo ntweng ya kwa Ukraine. Ela tlhoko kafa baruti ba tsayang karolo ka gone mo ntweng eno:

  •   “Re leboga masole a rona e bile re a ba tlotla ka gonne ba sireletsa naga ya bone ya Ukraine . . . Re a lo rapelela e bile re lo ema nokeng ka metlha.”—Metropolitan Epiphanius I wa kwa Kyiv, jaaka go begilwe mo The Jerusalem Post, March 16, 2022.

  •   “Fa Moscow e tsweletse ka go tlhasela Ukraine, moruti wa Kereke ya Orthodox ya kwa Russia o ne a tshwarela masole a kwa Russia thulaganyo e e kgethegileng ka Sontaga, a ba kgothaletsa gore ba sireletse naga ya bone ‘ka gonne ke bone fela ba ka dirang jalo.’”—Reuters, April 3, 2022.

 A Bakeresete ba tshwanetse go tsaya karolo mo dintweng? Baebele e a reng?

Se Baebele e se buang

 Baebele e a re barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete ga ba tseye karolo mo dintweng.

  •   “Busetsa tšhaka ya gago mo kgetsaneng ya yone, ka gonne botlhe ba ba dirisang tšhaka ba tla bolawa ka tšhaka.”—Mathaio 26:52.

     Fa motho a rotloetsa dintwa kgotsa a tsaya karolo mo go tsone, a o ikobela mafoko ano a ga Jesu?

  •   “Ke lo naya taelo e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, le lona lo tshwanetse go ratana. Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.”—Johane 13:34, 35.

     Fa motho a tsaya karolo mo dintweng, a o a bo a bontsha lorato lo Jesu a rileng barutwa ba gagwe ba tla lemogiwa ka lone?

 Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “A Ntwa e Tsamaisana le Bokeresete?

A Bakeresete ba tshwanetse go tsaya karolo mo dintweng gompieno?

 A go a utlwala go lebelela gore Bakeresete ba se ka ba tsaya karolo mo dintweng? Ee. Baebele e ne ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo,” e leng nako e re tshelang mo go yone, go ne go tla nna le batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ba neng ba se “kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape” ka gonne ba ikobela dithuto tsa ga Jesu.—Isaia 2:2, 4.

  •   Fa o batla go utlwa mo go oketsegileng, bala motseletsele wa setlhogo se se reng “Modimo o Leba Ntwa Jang?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo.

 Go ise go ye kae, a “Modimo wa kagiso” e bong Jehofa o tla dirisa puso ya kwa legodimong go golola batho “mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Bafilipi 4:9; Pesalema 72:14.

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.