Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pawel Gluza/500Px Plus/Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Diphologolo Tsa Naga di a Fela—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Diphologolo Tsa Naga di a Fela—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka di 9 tsa October, 2024, mokgatlho wa World Wildlife Fund o ile wa ntsha pego e e tsitsibanyang mmele ya gore dilo tse batho ba di dirang di ama jang diphologolo tsa naga. Pego eno e ile ya bontsha gore “mo dingwageng di le 50 tse di fetileng (1970-2020), palo ya diphologolo tsa naga e fokotsegile ka diperesente di le 73.” Gape e ile ya re: “Kwa ntle ga pelaelo, bokamoso jwa lefatshe bo ikaegile ka se se tla diregang mo dingwageng tse tlhano tse di latelang.”

 Batho ba le bantsi ba gakgamadiwa ke dipego tseno. Re rata polanete ya rona e e ntle e bile ga re batle go bona diphologolo tsa naga di sotlega. Re ikutlwa jalo ka gonne Modimo o ile a re re tlhokomele diphologolo.​—Genesise 1:27, 28; Diane 12:10

 O ka tswa o ipotsa go re, ‘A mme gone re tla kgona go sireletsa diphologolo tsa naga? Baebele e a reng?’

Tsholofelo ka bokamoso

 Le fa re ka leka ka bojotlhe go sireletsa diphologolo tsa naga, boammaaruri ke gore Modimo ke ene fela a ka kgonang go di sireletsa. Baebele e ile ya bolelela pele mo lekwalong la Tshenolo 11:18, gore Modimo o tlile go ‘senya ba ba senyang lefatshe.’ Temana eno e re ruta dilo di le pedi:

  1.  1. Modimo ga a na go letla gore batho ba senye lefatshe gotlhelele.

  2.  2. Go ise go ye kae, Modimo o tla tsaya kgato. Re itse seo jang? Ka gonne gone jaanong diphologolo tsa naga di mo kotsing go feta mo nakong e e fetileng.

 Modimo o tla rarabolola bothata jono jang? O tla dirisa puso ya gagwe e e kwa legodimong kana Bogosi jwa gagwe go busa lefatshe lotlhe. (Mathaio 6:10) Puso eo e tla ruta batho ba ba kutlo go tlhokomela le go sireletsa diphologolo tsa naga.​—Isaia 11:9.