Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Ntwa ya Kwa Ukraine e Oketsa Ditlhaelo Tsa Dijo mo Lefatsheng Lotlhe

Ntwa ya Kwa Ukraine e Oketsa Ditlhaelo Tsa Dijo mo Lefatsheng Lotlhe

 Ka May 19, 2022, United Nations Security Council e ne ya amogela pego e e tswang kwa baemeding ba maemo a a kwa godimo ba feta 75, ba ba neng ba re “mo godimo ga ditlhaelo tsa dijo mo lefatsheng lotlhe tse di bakilweng ke mogare wa COVID-19 le maemo a bosa a a fetofetogang, ntwa ya kwa Ukraine le yone e dirile gore maemo ano a nne maswe le go feta.” Moragonyana, makasine wa The Economist o ne wa re “batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ntse ba bolawa ke tlala, mme ntwa eno e dirile gore palo eno e oketsege.” Baebele e ile ya bolelela pele gore go tlile go nna le ditlhaelo tsa dijo mo nakong e re tshelang mo go yone, mme gape e re bolelela gore re ka dira eng gore re itshokele maemo ano.

Baebele e ile ya bolelela pele gore go tla nna le ditlhaelo tsa dijo

  •    Jesu o ile a bolelela pele jaana: “Ka gonne setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.”Mathaio 24:7.

  •    Buka ya Baebele ya Tshenolo e bua ka bapalami ba dipitse ba banê ba tshwantshetso. Mongwe wa bapalami bao ba dipitse o tshwantshetsa ntwa. O setswe morago ke mopalami yo mongwe yo o tshwantshetsang leuba kgotsa tlala, mme ka nako eo go tla nna thata go bona dijo e bile di tla bo di rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo. “Ke ne ka bona pitse e ntsho, mme yo o e palameng o ne a tshotse sekale ka seatla. Ke ne ka utlwa lentswe . . . le re: ‘Kilogerama ya korong ke denario [madi a motho a ka a amogelang ka letsatsi] le dikilogerama di le tharo tsa barele ke denario.’”—Tshenolo 6:5, 6.

 Boporofeti jono jo bo buang ka ditlhaelo tsa dijo bo diragadiwa gone jaanong mo nakong e Baebele e reng ke ‘malatsi a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka ‘malatsi a bofelo’ le ka bapalami ba dipitse ba banê ba ba mo bukeng ya Tshenolo, leba bidio ya Lefatshe le Fetogile go Tloga ka 1914 o bo o bala setlhogo se se reng “Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

Baebele e ka go thusa jang?

  •    Baebele e ka re naya kgakololo e e ka re thusang go itshokela maemo a a thata, a a akaretsang ditlhaelo tsa dijo kgotsa go reka dijo ka madi a mantsi. O ka bona dikgakololo mo setlhogong se se reng “How to Live on Less” ka Seesemane.

  •    Baebele e re solofetsa gore maemo a tla nna botoka. E re solofetsa gore go tla tla nako ya fa go tla bo go na le “dijo di le dintsi mo lefatsheng” e bile go tla bo go se na motho ope yo o se nang dijo. (Pesalema 72:16) Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka se Baebele e re solofetsang sone le gore ke eng fa re ka tshepa se e se buang, bala setlhogo se se reng “A Real Hope for a Better Tomorrow” ka Seesemane.