Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Batho ba le dimilione di le 6 ba Bolailwe ke COVID—Baebele e a Reng ka Gone?

Batho ba le dimilione di le 6 ba Bolailwe ke COVID—Baebele e a Reng ka Gone?

 Ka May 23 2022, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo (WHO) o ile wa re batho ba le dimilione di le 6,27 ba bolailwe ke COVID-19. Le fa go ntse jalo, mo pegong ya dikgang e e neng ya gololwa ka May 5, 2022, mokgatlho wa WHO o ile wa re go ka tswa go tlhokafetse batho ba le bantsi le go feta. O ile wa re palo ya batho botlhe ba ba tlhokafetseng ka 2020 le 2021 go akaretsa le ba ba bolailweng ke COVID-19 ke dimilone di ka nna 14,9. Baebele e a reng ka masetlapelo ano?

Baebele e ile ya bolelela pele gore go tla nna le malwetse a leroborobo

  •    Jesu o ile a bolelela pele gore “mo malatsing a bofelo” go tla nna le “malwetse a leroborobo.”—2 Timotheo 3:1; Luke 21:11.

 Boporofeti jwa ga Jesu bo a diragadiwa gompieno. Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa ‘Bokhutlo’ ke Eng?

Baebele e a re gomotsa

  •    ‘Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe, o re gomotsa mo ditekong tsotlhe.’—2 Bakorintha 1:3, 4.

 Batho ba le bantsi ba ba tlhokafaletsweng ke masika le ditsala ba gomoditswe ke Baebele. Bala setlhogo se se reng “Se o Ka se Dirang fa o Tlhokafaletswe” le sa “Se se Ka Thusang ba ba Tlhokafaletsweng.”

Baebele e re bolelela gore mathata otlhe a tla fela

  •    “A Bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale mo lefatsheng jaaka e diragala kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

 Mo nakong e e sa fediseng pelo, “Bogosi Jwa Modimo” bo tla dira gore go se ka ga nna le “motho ope yo o nnang mo lefatsheng leo yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’” (Mareko 1:14, 15; Isaia 33:24) Fa o batla go itse gore puso ya kwa legodimong ke eng le gore e tla dira eng, leba bidio ya Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

 Re laletsa wena le lelapa la gago gore lo ithute Baebele, gore lo solegelwe molemo ke kgakololo le ditsholofetso tsa yone tse dintle.