Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Justin Paget/​Stone via Getty Images

O ka Dira Eng fa o Jewa ke Bodutu?

O ka Dira Eng fa o Jewa ke Bodutu?
  •   “Bontsi jwa batho kwa Amerika segolobogolo ba ba nang le dingwaga di le 18 go ya go di le 25, ba tlhalosa gore ba jewa ke bodutu.”​—Our Epidemic of Loneliness and Isolation: The U.S. Surgeon General’s Advisory on the Healing Effects of Social Connection and Community, 2023.

  •   “[World Health Organization] e ile ya itsise gore e tlhophile setlhopha sa batho ba ba tla batlisisang mo go oketsegileng ka kgang ya go jewa ke bodutu. E ne ya re setlhopha seo se kgothaletse batho go dira botsala mme gape se batle ditsela tse di botoka tsa go lebana le go jewa ke bodutu, go sa kgathalesege gore a batho ba nna mo dinageng tse di humileng kgotsa tse di humanegileng.”—World Health Organization, November 15, 2023.

 Baebele e re naya kgakololo e e ka re thusang go dira ditsala.

Melaometheo ya Baebele e e ka re thusang

 Fokotsa go dira dilo tse di dirang gore o se ka wa fetsa nako le ba bangwe. Dilo tseo di akaretsa go fetsa nako e ntsi mo social media. Go na le moo, lwela go fetsa nako le batho mme o dire ditsala.

  •   Molaomotheo wa Baebele: “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17.

 Batla ditshono tsa go thusa ba bangwe. Go direla ba bangwe dilo tse di molemo ga go dire gore re atamalane le bone fela mme gape go dira gore re itumele.

  •   Molaomotheo wa Baebele: “Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.”—Ditiro 20:35.

 Leba ditlhogo tse dingwe mo websaeteng ya rona gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng e e tswang mo Baebeleng ka kgang ya go dira botsala jo bo molemo.