Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e a Reng ka Ditlhaelo Tsa Dijo?

Baebele e a Reng ka Ditlhaelo Tsa Dijo?

 Dipuso di eletsa go bua di re “Tlala ga e tlhole e le teng.” Go tlamela batho botlhe ka dijo ke bothata jo bogolo jo bo aparetseng lefatshe lotlhe. a A mme gone, go tla tla nako e go tla bong go se ope yo o bolawang ke tlala? Baebele e a reng?

Baebele e sale e boleletse pele ka ditlhaelo tsa dijo

 Baebele e ile ya bolelelapele gore go tla nna le ditlhaelo tsa dijo “mo malatsing a bofelo.” (2 Timotheo 3:1) Modimo ga se ene a bakang ditlhaelo tsa dijo, mme o sale a re tlhagisitse ka tsone. (Jakobe 1:13) Ela tlhoko boporofeti jwa Baebele jo bo latelang.

 “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo  . . mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:7) Boporofeti jwa Baebele bo sa le bo boleletse pele gore go tla nna le leuba mo mafelong a le mantsi. Ka maswabi, pego e e tswang kwa bathong ba ba elang tlhoko kafa dijo di dirwang ka gone le kafa di abiwang ka gone e a re: “Maiteko a a dirwang a go leka go fedisa tlala le go tlhaela ga dijo tse di nang le dikotla a itaya sefololetse.” b Dimilione tsa batho mo dinageng ka go farologana, ga ba bone dijo tse ba di tlhokang. Ka maswabi, bontsi jwa bone ba a swa.

 “Ke ne ka bona pitse e ntsho, mme yo o e palameng o ne a tshotse sekale ka seatla.” (Tshenolo 6:5) Mo boporofeting jono, pitse ya tshwantshetso le mopalami wa yone, di emela leuba mo metlheng ya bofelo. c Sekale se se mo seatleng sa mopalami se emela go fokodiwa ga dijo mo bathong. Fa yo o e palameng a ntse a e kgweetsa, lentswe le goela kwa godimo le tlhagisa gore dijo di tlile go tura, ka jalo batho ba di somarele. (Tshenolo 6:6) Seno se dira gore re tlhaloganye gore ke ka ntlha ya eng fa go nna le mathata a dijo le gore goreng batho ba sa kgone go bona dijo tse di nang le dikotla.

Kafa go tlhaela ga dijo go tla felang ka gone

 Babatlisisi ba re lefatshe le ntsha dijo tse di ntsi go feta tse di ka kgonang go fepa batho botlhe mo lefatsheng. Jaanong ke eng fa dijo di tlhaela? Baebele e a re Mmopi wa rona, e bong Jehofa, d o tla dira eng go rarabolola dilo tse di bakang bothata jono?

 Bothata: Dipuso ga di kgone go fedisa lehuma le tshiamololo e e dirang gore batho ba bolawe ke tlala.

 Tharabololo: Dipuso tsa batho di tla emisediwa ke puso e e molemo, e leng Bogosi Jwa Modimo. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Gompieno, ga se ka metlha bahumanegi ba kgonang go ithekela dijo, mme mo Pusong ya Modimo seno se tlile go fetoga. Baebele e a re Jesu Keresete, yo e leng Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le motho wa maemo a a kwa tlase le ope fela yo o se nang mothusi. . . . Go tla nna le dijo di le dintsi mo lefatsheng; di tla tlala mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:12, 16.

 Bothata: Dintwa di baka tshenyo e bile di diga ikonomi, mme seno se dira gore go nne thata go bona dijo tse ba di tlhokang.

 Tharabololo: “[Jehofa] o fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe. O roba bora e bile o robaganya lerumo; o fisa dikara tsa ntwa ka molelo.” (Pesalema 46:9) Modimo o tla fedisa dibetsa tsa ntwa e bile o tla fedisa batho ba ba bakang ntwa. Seno se tla felela ka gore go se ka ga nna le ope yo o tlhaelwang ke dijo le gore re kgone go di bona motlhofo. Baebele e solofetsa jaana: “Basiami ba tla oketsega, e bile kagiso e tla nna ntsi.”—Pesalema 72:7.

 Bothata: Maemo a bosa a a feteletseng le masetlapelo a tlholego a senya dijalo e bile a bolaya leruo.

 Tharabololo: Modimo o tla laola dilo tsa tlholego, mme go tla nna le maemo a bosa a mantle a a dirang gore dijalo di gole sentle mme di nne dintsi. Baebele e a re: “[Jehofa] o sisibatsa setsuatsue; makhubu a lewatle a a didimala.  . . O fetola sekaka gore e nne megobe ya metsi e e tletseng lotlhaka, Le naga e e omeletseng gore e nne metswedi ya metsi. O dira gore ba ba tshwerweng ke tlala ba nne koo, . . . Ba jala masimo e bile ba lema masimo a morara a a ungwang thata.”—Pesalema 107:29, 35-37.

 Bothata: Batho ba ba pelotshetlha le ba ba sa ikanyegeng ba dira dijo tse di sa siamang kana ba kganela batho go bona dijo tse ba di tlhokang.

 Tharabololo: Bogosi jwa Modimo bo tlile go fedisa batho botlhe ba ba sa ikanyegeng le ba ba bosula. (Pesalema 37:10, 11; Isaia 61:8) Baebele e a re Jehofa Modimo ke “Ene yo o tlhomamisang gore ba ba tsieditsweng ba direlwa tshiamiso, Ene yo o nayang ba ba tshwerweng ke tlala senkgwe.”—Pesalema 146:7.

 Bothata: Ngwaga le ngwaga dijo di le dintsi di a senngwa, di a senyega kgotsa di a latlhiwa.

 Tharabololo: Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa batho ba ba tla bong ba tlhokometse dijo, ba tla tlhomamisa gore mongwe le mongwe o bona dijo tse di lekaneng. Fa Jesu a le mo lefatsheng o ne a sa senye dijo. Ka sekai, mo lekgetlong lengwe o ne a fepa batho ba feta 5000 ka kgakgamatso. Moragonyana o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Kokoanyang manathwana a a setseng, gore sepe se se ka sa senyega.”Johane 6:5-13.

 E re ka Bogosi Jwa Modimo bo tlile go fedisa mathata otlhe a a bakang tlala, batho ba tla itumelela go nna le dijo tse dintsi tse di nang le dikotla. (Isaia 25:6) Go bona gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira seo jang, bona setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Busa Leng mo Lefatsheng?

a Ka 2015 maloko a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a ile a dira tumalano e e neng ya kwalwa mo 2030 Agenda for Sustainable Development.

b Pego e e tswang kwa Food and Agriculture Organization of the United Nations, International Fund for Agricultural Development, United Nations Children’s Fund, United Nations World Food Programme, le World Health Organization.

c Go ithuta mo go oketsegileng ka bapalami ba banê ba dipitse tse di mo bukeng ya Tshenolo bala setlhogo se se reng “Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

d Leina la Modimo ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Bala setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?