Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Ke Eng fa Dipolotiki di Kgaoganya Batho?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Ke Eng fa Dipolotiki di Kgaoganya Batho?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Batho mo lefatsheng lotlhe ba kgaogantswe ke dipolotiki. Go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng ke Pew Research Center ka 2022, “diperesente di le 65 tsa bagolo mo dinageng di le 19 ba re go na le dikgotlhang mo dinageng tsa bone magareng ga batho ba ba tshegetsang boradipolotiki ba ba farologaneng.”

 A o lemogile gore kwa o nnang gone dipolotiki di kgaoganya batho? Ke eng fa go ntse jalo? A go na le tharabololo? Ela tlhoko se Baebele e se rutang ka kgang eno.

Mekgwa e e dirang gore batho ba se ka ba utlwana

 Baebele e ile ya bolelelapele gore mo nakong e re tshelang mo go yone, e e bidiwang ‘malatsi a bofelo,’ batho ba le bantsi ba ne ba tla nna le mekgwa e e neng e tla dira gore go nne thata gore ba utlwane.

  •   “Mo malatsing a bofelo, go tla nna le dinako tse di thata e bile di le kotsi. Gonne batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, . . . ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe.”—2 Timotheo 3:1-3.

 Le fa batho ba le bantsi ba leka ka natla gore dipuso di atlege, matsapa a bone a iteile se fololetse. Batho ba ba lebang dilo ka tsela e e farologaneng ba bona go le thata go dira mmogo gore ba rarabolole mathata. Seno se dumalana le se Baebele e ileng ya se bolelelapele.

  •   “Motho o ntse a laola motho yo mongwe gore a mo utlwise botlhoko.”—Moreri 8:9.

 Le fa go ntse jalo, Baebele e a re bothata jono bo tla rarabololwa ke puso e kgosi ya jone e ka kgonang go fedisa mathata otlhe a a dirang gore batho ba boge.

Moeteledipele yo o re kgathalelang

 Baebele e bua ka moeteledipele yo o tshwanelegang e bong Jesu Keresete. Jesu o na le maatla, taolo e bile o na le keletso ya go dira gore batho ba utlwane le gore ba nne le kagiso.

  •   “Mo motlheng wa gagwe basiami ba tla oketsega, e bile kagiso e tla nna ntsi.”—Pesalema 72:7.

  •   “Ditšhaba tsotlhe di tla mo direla.”—Pesalema 72:11.

 Jesu o a tshwanelega go nna moeteledipele wa rona ka gonne o a re kgathalela e bile o batla go re thusa, segolobogolo batho ba ba sa tshwarweng sentle.

  •   “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le motho wa maemo a a kwa tlase le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi botlhoko, e bile o tla boloka matshelo a bahumanegi. O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Pesalema 72:12-14.

 Ithute mo go oketsegileng ka Bogosi Jwa Modimo, puso e e kwa legodimong e kgosi ya yone e leng Jesu. Bona gore e ka go solegela molemo jang le kafa o ka tshegetsang puso eno ka gone.