Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Go Thuntshiwa Kwa Dikolong—Baebele e a Reng ka Gone?

Go Thuntshiwa Kwa Dikolong—Baebele e a Reng ka Gone?

 Ka May 24, 2022, torotswana ya Uvalde, Texas, U.S.A e ile ya welwa ke masetlapelo. Lokwalodikgang lwa The New York Times, lo ile lwa re “monna yo o tshwereng tlhobolo o ile a bolaya bana ba le 19 le barutabana ba le babedi . . . kwa Sekolong sa Robb Elementary.”

 Se se utlwisang botlhoko ke gore ditiragalo tse di ntseng jaana di setse di tlwaelegile. Pego ya USA Today e ile ya re mo United States fela ditiragalo tseno di diragetse thata mo ngwageng o o fetileng go feta ngwaga ope fela fa e sa le ka 1970.

 Goreng masetlapelo ano a direga? Ke eng se se ka re thusang go itshokela dilo tseno tse di bosula? A re ka dumela gore dilo tseno di ka fela? Baebele e re naya dikarabo tsa dipotso tseno.

Goreng lefatshe le nna le dintwa tse dintsi le go feta?

  •    Baebele e a re re tshela mo “malatsing a bofelo” le gore batho ga ba “rate ba bangwe” e bile ba “bogale jo bo tshabegang” mme seno se tla dira gore ba dire dilo tse di bosula tota. Batho bano “ba tla tswelela ba sulafalela pele.” (2 Timotheo 3:1-5, 13) Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Did the Bible Predict the Way People Think and Act Today?

 Batho ba le bantsi ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa Modimo a sa thibele masetlapelo a a ntseng jaana?’ Fa o batla go bona karabo ya Baebele, bala setlhogo se se reng “Dilo Tse di Bosula di Diragalela Batho ba ba Molemo—Goreng?

Ke eng se se ka re thusang go itshokela dilo tseno tse di bosula?

  •    “Gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa mo Dikwalong bogologolo, di ne tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo . . . di a re gomotsa.”—Baroma 15:4.

 Melaometheo ya Baebele e ka go thusa go itshokela dilo tse di bosula tse di diragalang mo lefatsheng leno. Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala makasine wa Tsogang! wa setlhogo se se reng, “A Thubakanyo e Tla Tsamaya e Fela?

 Setlhogo se se reng “Dipego Tse di Tshosang Tsa Dikgang le Bana ba Gago” se na le dikakantsho tse di ka thusang batsadi go thusa bana ba bone fa ba bona kgotsa ba utlwa dipego tse di tshosang mo dikgannyeng.

A re ka dumela gore dintwa tseno di tla fela?

  •    “O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Pesalema 72:14.

  •    “Ba tla fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe, e bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Mika 4:3.

 Modimo o tla dira dilo tse batho ba sa kgoneng go di dira. Puso ya gagwe e e kwa legodimong kgotsa Bogosi jwa gagwe bo tla fedisa dibetsa le dintwa tsotlhe. Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka Bogosi Jwa Modimo bala setlhogo se se reng, “Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa.”