Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNA O DISITSE!

Basupi ba ga Jehofa le Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Basupi ba ga Jehofa le Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka di-27 tsa January 2023, batho ba le bantsi ba tla bo ba gopola nako ya fa batho ba ne ba gailwa ke Banasi (International Holocaust Remembrance Day). Dilo tse di bosula tse di ileng tsa diragala dingwaga di le 75 tse di fetileng, di ka dira gore o ipotse gore goreng Modimo a ile a letlelela gore Banasi ba gaile batho.

 Bajuda ke bone ba ba neng ba gailwa thata ke Banasi. Ba ile ba loga maano a gore ba tla bolaya jang dimilione tsa Bajuda. Mme batho ba bangwe ba e neng e se Bajuda le bone ba ne ba bogisiwa ba bo ba bolawa ka nako eo. Bangwe ba batho bao e ne e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba bogisiwa ka ntlha ya se ba se dumelang.

“Bokamoso le tsholofelo”

 Batho ba le bantsi ba tshaba gore dilo tseno di ka diragala gape. Se se itumedisang ke gore Baebele e re solofetsa gore mo isagweng dilo tse di tshwanang le go gailwa ga batho di ka se tlhole di direga.

  •   “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.”—Jeremia 29:11. a

 Tsholofetso eno e tlile go bonala sentle fa Jehofa a tsaya kgato ya go fedisa dilo tse di bosula a bo a baakanya maemo a lefatshe. Mo bogautshwaneng, Modimo o tla:

 O ka tshepa tsholofelo eno e e gomotsang e Baebele e re nayang yone. Go ithuta lebaka la go bo o ka tshepa tsholofetso eno, re go laletsa go ithuta Baebele le rona mahala.

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.