Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Ditsala Gore O se Ka wa Jewa ke Bodutu—Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone

Dira Ditsala Gore O se Ka wa Jewa ke Bodutu—Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone

 Ka 2023 baitse ba tsa bongaka ba ile ba lemoga gore go jewa ke bodutu ke bothata jo bo masisi jo bo tlhokang go rarabololwa. A bothata jono bo ka kgona go rarabologa?

  •    Mookamedi wa dingaka kwa Amerika Dr. Vivek Murthy a re: “Fa re jewa ke bodutu le go itlhaola mo bathong ba bangwe seno se ka tsenya botsogo jwa rona mo kotsing gape re ka se ka ra itumela.” O tswelela ka go re: “Go na le sengwe se re ka se dirang.” Re ka dira eng? “Re ka dira dilo tse dinnye letsatsi le letsatsi go aga botsala le ba bangwe.” a

 Go itlhaola ga se gone fela mo go dirang gore re jewe ke bodutu. Bangwe ba ka jewa ke bodutu le fa ba le fa gare ga batho. Go sa kgathalesege gore ke eng se se dirang gore re ikutlwe re jewa ke bodutu, Baebele e ka re thusa. E na le kgakololo e e ka re thusang go lwantsha go jewa ke bodutu ka go nonotsha botsala jo re nang le jone le ba bangwe.

Melaometheo ya Baebele e e ka re thusang

 Nna motho yo o kgonang go buisana. Seno ga se akaretse fela go bolelela ba bangwe kafa o ikutlwang ka gone mme se akaretsa le go ba reetsa. Fa o bontsha ba bangwe gore o a ba kgathalela botsala jwa lona bo tla gola.

  •    Molaomotheo wa Baebele: “Tswelelang lo amega ka batho ba bangwe, mme lo se ka lwa tshwenyega ka dilo tse di amang lona fela.”—Bafilipi 2:4.

 Dira botsala le batho ba ba farologaneng. Ikemisetse go dira botsala le batho ba dingwaga tse di farologaneng, ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng kgotsa dinaga tse di farologaneng.

  •    Molaomotheo wa Baebele: ‘Phutholola pelo.’—2 Bakorintha 6:13, Tswana Central

 Go bona gore o ka aga jang botsala jo bo nonofileng le ba bangwe bala setlhogo se se reng “Go Kgotsofatsa Keletso ya Rona ya go Nna le Ditsala.”

a Our Epidemic of Loneliness and Isolation: The U.S. Surgeon General’s Advisory on the Healing Effects of Social Connection and Community, 2023.