Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

sinceLF/E+ via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Ke Mang yo o Tla Sireletsang Batho ba e Seng Masole?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Ke Mang yo o Tla Sireletsang Batho ba e Seng Masole?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 United Nations e bega jaana:

  •   Go simologa ka October 7 go ya go October 23, 2023, go setse go bolailwe batho ba feta 6 400 mo ntweng ya kwa Gaza le Iseraele, mme go gobetse batho ba le 15 200, ba bontsi jwa bone e seng masole. Mo godimo ga moo, batho ba le diketekete ba ile ba patelesega go fuduga mo magaeng a bone.

  •   Go tloga ka September 24, 2023, go setse go bolailwe batho ba e seng masole ba le 9 701 mo ntweng ya kwa Russia le Ukraine, mme go gobetse batho ba le 17 748 kwa Ukraine.

 Ke eng se Baebele e se solofetsang batho ba ba bogang ka ntlha ya ntwa?

Lebaka la go nna le tsholofelo

 Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla “fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.” (Pesalema 46:9) O tla dirisa puso e e kwa legodimong, kgotsa bogosi jwa gagwe go fedisa dipuso tsotlhe tsa batho. (Daniele 2:44) Bogosi Jwa Modimo bo tla golola batho.

 Ela tlhoko se Jesu Keresete, yo e leng Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, a tla se dirang:

  •   “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le motho wa maemo a a kwa tlase le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi botlhoko, e bile o tla boloka matshelo a bahumanegi. O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Pesalema 72:12-14.

 Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa kutlobotlhoko le go boga go go bakilweng ke ntwa le thubakanyo.

  •   “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”—Tshenolo 21:4.

 Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisa diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. Baebele e ne ya bolelela pele ka “dintwa le dipego tsa dintwa” tse re di bonang gone jaanong. (Mathaio 24:6) Ditiragalo tseno le tse dingwe, di bontsha gore re tshela mo “malatsing a bofelo” a puso ya motho.—2 Timotheo 3:1.