Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kim Steele/The Image Bank via Getty Images

LETSHOLO LE LE KGETHEGILENG

Mathata a Ikonomi—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Mathata a Ikonomi—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

 Go ralala lefatshe, batho ba le bantsi ba bona go le thata go bona madi a a lekaneng go itlamela le go tlamela malapa a bone mme seno se nnela thata go ya pele.

  •   Go ya ka pego ya bosheng e e buang ka dilo tse di diragalang mo lefatsheng lotlhe, a “madi a batho ba a amogelang gone jaanong a reka dilo tse dinnye go feta mo nakong e e fetileng.” Pego eno e tlhagisa gore fa dilo di sa fetoge, “pharologano magareng ga batho ba ba humileng le batho ba ba humanegileng e tla oketsega” e bile “malapa a le mantsi a tla ketefalelwa ke botshelo.”

 A dipuso di tla kgona go rarabolola mathata a ikonomi kgotsa go a tokafatsa?

 Baebele e tlhalosa gore go na le puso e e tlileng go rarabolola mathata otlhe a ikonomi mo lefatsheng, go akaretsa le pharologano e e gone magareng ga bahumi le bahumanegi. Baebele e a re “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi,” e leng puso e e tla okamelang sengwe le sengwe se se diragalang mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44) Fa puso eo e busa, ga go na motho ope yo o tla bong a lebetswe kgotsa a tlhokomologilwe. (Pesalema 9:18) Ka nako eo, batho botlhe ba tla bo ba na le sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba itumele. Batho ba tla itumelela tiro ya diatla tsa bone.—Isaia 65:21, 22.

a International Labour Organization Global Wage Report 2022-23