Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TheCrimsonMonkey/E+ via Getty Images

LETSHOLO LE LE KGETHEGILENG

Mathata a Tikologo—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Mathata a Tikologo—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

 “Mathata a a tlhobaetsang a maemo a bosa a ama batho, ditoropo le ditshedi tse dingwe tsotlhe. Ditsuatsue tse di maatla tse di ntseng di baka tshenyo le go feta ka ntlha ya go fetofetoga ga maemo a bosa, di senya magae le dilo tse batho ba itshedisang ka tsone go ralala lefatshe. Tikologo e ditshedi tsa lewatle di nnang mo go yone e nna mogote thata, mme ka ntlha ya seo, go ka direga gore mefuta e mentsi ya ditshedi tseo e swe.”—Inger Andersen, mothusa motsamaisimogolo wa United Nations yo gape e leng mookamedimogolo wa UN Environment Programme, July 25, 2023.

 A dipuso di tla kgona go dirisana mmogo gore di rarabolole mathata ano a a aparetseng lefatshe lotlhe? A ba tla kgona go bona tharabololo e e nnelang ruri ya mathata ano?

 Baebele e tlhalosa gore go na le puso e e ka kgonang go rarabolola mathata otlhe a tikologo mo lefatsheng lotlhe e bile e tlile go dira jalo. E a re “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi,” kgotsa puso e e tla busang lefatshe lotlhe e bile e tla rarabolola mathata otlhe. (Daniele 2:44) Fa puso eo e busa, batho ‘ga ba kitla ba senya’ lefatshe kgotsa ba utlwisana botlhoko.—Isaia 11:9.