Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Photo by Zhai Yujia/China News Service/VCG via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Merwalela e e Senyang—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Merwalela e e Senyang—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Batho ba le bantsi go ralala lefatshe ba amiwa ke merwalela e e senyang. Ela tlhoko dipego tse di latelang:

  •   Ga go ise go ne pula e e kalo mo dingwageng di ka nna 140 tse di fetileng. Go tloga ka Matlhatso go fitlha ka Laboraro, go ne ga na pula ya selekanyo sa dimilimetara di le 744,8.”—AP News, August 2, 2023.

  •   Ka ntlha ya seo, go ne ga swa batho ba le babedi. . . . Go solofetswe gore setsuatsue seo se nese pula e e ka nnang dimetara di le 0,6 kwa kgaolong e e dithaba kwa bogare jwa Taiwan.”—Deutsche Welle, August 3, 2023.

  •   Ga go ise go ne pula e e kalo mo dingwageng di le 50 tse di fetileng.”—BBC News, July 24, 2023.

 Baebele e a reng ka ditiragalo tse di tshwanang le tseno?

Sesupo sa ‘malatsi a bofelo’

 Baebele e tlhalosa gore re tshela mo nakong e e bidiwang ‘malatsi a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Jesu o ne a bolelela pele gore mo nakong e re tshelang mo go yone, re ne re tla bona “dilo tse di tshosang,” kgotsa ditiragalo tse di boifisang. (Luke 21:11) Go fetofetoga ga maemo a bosa go baka ditiragalo tse di tshosang tsa maemo a bosa tse di sa lebelelwang, tse di diregang kgapetsa kgapetsa e bile di nna maswe le go feta.

Lebaka la go nna le tsholofelo

 Baebele e tlhalosa gore dilo tse dintsi tse di tshosang tse di diregang gompieno, di tshwanetse go dira gore re nne le tsholofelo. Goreng? Jesu o ne a re: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi.”—Luke 21:31; Mathaio 24:3.

 Ditiragalo tse re di bonang di direga di re bontsha gore go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla laola maatla a tlholego mo lefatsheng, go akaretsa modikologo wa metsi.—Jobe 36:27, 28; Pesalema 107:29.

 Fa o batla go itse mo go oketsegileng kafa Bogosi Jwa Modimo bo tla baakanyang tikologo ka gone, bala setlhogo se se reng “Who Will Save the Earth?