Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Tlhokomela Jang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa?

Modimo o Tlhokomela Jang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa?

 Gompieno mo lefatsheng lotlhe go na le batho ba ba ka nnang dimilione di le 70 ba ba sa kgoneng go utlwa mme bontsi jwa bone ba buisana ba dirisa nngwe ya dipuo tsa diatla di feta 200. Se se utlwisang botlhoko ke gore, batho ba le bantsi ga ba tshware batho bano sentle, fela jaaka dintlha tse di latelang di bontsha:

  •   “Mo lefatsheng lotlhe ditshwanelo tsa batho ba ba sa kgoneng go utlwa le tsa ba ba sa kgoneng go utlwa sentle gantsi di a gatelelwa.”—National Association of the Deaf (U.S.).

  •   “Batho ba ba sa kgoneng go utlwa, ba ba nnang kwa dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa ke bangwe ba batho ba ba humanegileng fela thata mme ga ba kgone go bona thuto e ba e tlhokang, tiro le go bona tshedimosetso e ba e tlhokang.”—World Federation of the Deaf.

 Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba sa kgoneng go utlwa? Baebele e a reng ka bone? Mme Basupi ba ga Jehofa ba ba thusa jang gompieno?

Tsela e Modimo a Lebang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa ka Yone

 Baebele e a re Jehofa  a Modimo o amega ka batho ba ba sa kgoneng go utlwa. O batla gore ba tshwarwe sentle le gore ba solegelwe molemo ke thuto e a e neelang batho.

 Temana: “Ga o a tshwanela go tlhapatsa motho yo o susu.”—Lefitiko 19:14.

 Se e se kayang: Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele ba bogologolo o ne o sireletsa batho ba ba sa kgoneng go utlwa.

 Temana: “Modimo ga a na tlhaolele.”—Ditiro 10:34.

 Se e se kayang: Jehofa o amega ka batho ba ditso tsotlhe, ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng, ba ba buang dipuo tse di farologaneng, go akaretsa le ba ba sa kgoneng go utlwa.

 Temana: “Jesu o ne a tswa letsholo . . . , a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.”—Mathaio 9:35.

 Se e se kayang: Jesu o ne a tla mo lefatsheng go tla go ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo le se bo tla se direlang batho botlhe—go akaretsa le ba ba sa kgoneng go utlwa.—Mathaio 6:10.

 Temana: Jesu o ile a dira gore “bosusu ba utlwe le ba ba sa kgoneng go bua ba bue.”—Mareko 7:37.

 Se e se kayang: Jesu o ile a bontsha se Bogosi Jwa Modimo bo tla se fitlhelelang, batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba tla kgona go utlwa le go bua gape. Ka nako eo, pele ga Jesu a ka dira gore monna yoo a kgone go utlwa le go bua gape, Jesu o ne a dirisa diatla go bua le ene.—Mareko 7:31-35.

 Temana: “Ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.”—Isaia 35:5.

 Se e se kayang: Jehofa o ile a bolelela pele gore batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba tla utlwa.—Isaia 29:18.

Kafa Basupi ba ga Jehofa ba Thusang Batho Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa ka Gone

 Basupi ba ga Jehofa ba rerela batho ba ba sa kgoneng go utlwa molaetsa wa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Re dira eng gore re kgone go ba rerela? Re gatisa Dibaebele le dibidio tsa go ithuta Baebele ka dipuo tsa diatla di feta 100. Re ithuta Baebele le batho ka puo ya diatla gape re rulaganya gore go nne le dipokano tsa Bokeresete ka puo eo. Re dira seno mahala. Goreng? Ka gonne Jesu o ile a re: “Lo ne lwa amogela mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.

 O ka kgona go bona dikgatiso tseno mo Internet kgotsa wa di downlouda mo:

 JW.ORG. Tobetsa karolo e e kwa godimo e e bontshang puo mo websaeteng, go bona tshedimosetso ka puo ya diatla e o e batlang.

 App ya JW Library Sign Language. Tsenya app eno ya mahala mo sedirisiweng sa gago mme o tla kgona go downlouda kgotsa go lebelela dibidio tsa puo ya diatla.

Ke Didirisiwa Dife Tsa go Ithuta Baebele Tse re Nang le Tsone?

 Baebele ka puo ya diatla. Baebele ya ntlha e e ileng ya ranolwa e feletse mo lefatsheng lotlhe, ke Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya puo ya diatla ya kwa America. Gone jaanong Baebele e teng e feletse kgotsa e sa felela ka dipuo di le dintsi tsa diatla. Mme ngwaga le ngwaga go tsenngwa dipuo tse dingwe. (Fa o batla go bona dipuo tse di leng gone kgotsa fa o batla go lebelela Baebele mo Internet, bona lebokoso le le reng “ Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Puo ya Diatla.”)

  •   Go bona gore ke eng se re se dirang gore re kgone go nna le Baebele ya puo ya diatla, bona bidio e e reng, The Complete New World Translation Is Available in ASL.

  •   Gore o kgone go itumelela go bala Baebele sentle, tsenya app ya JW Library Sign Language. App eno e go thusa gore o kgone go tlhopha temana e e rileng mo Baebeleng ya puo ya diatla.

  •   Dmytro le Vita ga ba kgone go utlwa mme bana ba bone ba kgona go utlwa. Bona gore lelapa la bone le thusitswe jang ke go lebelela Baebele ka puo ya diatla letsatsi le letsatsi.

 Dibidio tse di thusang batho go ithuta Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba dirile dibidio tsa dipuo tsa diatla tse di thusang batho go tlhaloganya le go dirisa kgakololo ya Baebele e e amang . . .

 Go ithuta Baebele le mongwe. Ithute Baebele le mongwe ka puo ya diatla ka selekanyo se o ka se kgonang. Kopa go bontshiwa gore thuto eno ya mahala ya Baebele e tshwarwa jang.

 Jeson Senajonon o nna kwa Philippines. Bona gore thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele e mo thusitse jang go nna tsala ya Modimo.

 Mario Antúnez e ne e le moruti wa kereke kwa Honduras. Bona gore o ile a bona jang dikarabo tsa dipotso tse a neng a na le tsone ka Baebele mo setlhogong se se reng, “Ke ne Ke na Le Dipotso di le Dintsi.”

 Dipokano le dikokoano. Re na le dipokano le ditlhopha tsa puo ya diatla mo lefatsheng lotlhe, kwa batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba kopanang gone beke le beke go ithuta le go obamela Modimo. Gape re rulaganya dikokoano tse dikgolo tsa puo ya diatla tsa go ithuta Baebele ngwaga le ngwaga. Kwa dipokanong le kwa dikokoanong tsa rona, re ranolela batho ba ba sa kgoneng go utlwa le ba ba sa kgone go bona gore ba kgone go solegelwa molemo. Gape re dira dikgatiso tsa mokwalo wa difofu mahala.

 José Luis Ayala o nna kwa Mexico. O tshotswe a sa kgone go utlwa mme moragonyana o ne a foufala. Bona gore o thusitswe jang gore e nne morutisi wa Baebele yo o nang le matswela.

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?