Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

hadynyah/E+ via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Go Tlhaela ga Dijo mo Lefatsheng Lotlhe mo go Bakiwang ke Ntwa le go Fetofetoga ga Maemo a Bosa—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Go Tlhaela ga Dijo mo Lefatsheng Lotlhe mo go Bakiwang ke Ntwa le go Fetofetoga ga Maemo a Bosa—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ntwa ya kwa Ukraine, mmogo le go fetofetoga ga maemo a bosa, di tsweletse ka go baka go tlhaela ga dijo mo lefatsheng lotlhe. Bothata jono bo aname thata mo dinageng tse di tlhabologang tse go leng thata gore bontsi jwa batho ba tsone ba nne le dijo tse di lekaneng.

  •   “Go lemiwa ga dijo le gore di tswelele di le gone go kgorelediwa ke dikgotlhang, go fetofetoga ga maemo a bosa, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa leokwane le dilo tse dingwe.”—António Guterres, motsamaisimogolo wa UN, July 17, 2023.

  •   “Russia e ikgogetse morago mo tumalanong ya gore e ka romela dijo tsa ditlhaka tse di tswang kwa Ukraine. Babatlisisi ba fopholetsa gore seno se tla gakatsa bothata jwa go tlhaela ga dijo mo lefatsheng lotlhe e bile se tla dira gore dijo kwa dinageng tse di humanegileng, segolobogolo kwa Afrika Bokone le kwa Botlhabagare di ture thata.”—Atalayar.com, July 23, 2023.

 Utlwa se Baebele e se buang ka go tlhaela ga dijo le ka bokamoso.

Baebele e ne ya bolelela pele gore go tla nna le ditlhaelo tsa dijo

  •   Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.”Mathaio 24:7.

  •   Buka ya Baebele ya Tshenolo e bua ka bapalami ba dipitse ba tshwantshetso ba le banê. Mongwe wa bapalami bao ba dipitse o tshwantshetsa ntwa. O setswe morago ke mopalami yo mongwe yo o tshwantshetsang tlala kgotsa nako e dijo di neng di tla bo di tlhaela ka yone e bile di rekisiwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata. “Ke ne ka bona pitse e ntsho, mme yo o e palameng o ne a tshotse sekale ka seatla. Mme ke ne ka utlwa lentswe . . . Le ne le re, ‘Kwatara ya korong e tla rekwa ka tuelo ya letsatsi! Dikwatara di le tharo tsa barele le tsone di tla rekwa ka tuelo ya letsatsi.’”—Tshenolo 6:5, 6, Contemporary English Version.

 Boporofeti jono jwa Baebele jo bo buang ka go tlhaela ga dijo, bo a diragadiwa gone jaanong mo nakong e Baebele e e bitsang ‘malatsi a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Fa o batla go utlwa mo go oketsegileng ka ‘malatsi a bofelo’ le ka bapalami ba banê ba dipitse ba go buiwang ka bone mo go Tshenolo, leba bidio ya setlhogo se se reng, Lefatshe le Fetogile go Tloga ka 1914 o bo o bala setlhogo se se reng, “Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

Kafa Baebele e ka go thusang ka gone

  •   Baebele e na le kgakololo e e mosola e e ka re thusang go lebana le maemo a a gwetlhang, a a akaretsang go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dijo kgotsa go tlhaela ga tsone. Bona dikai tse dingwe mo setlhogong se se reng, “How to Live on Less.”

  •   Gape Baebele e re solofetsa gore dilo di tla siama. E bua ka nako e ‘go tla nnang le dijo di le dintsi mo lefatsheng’ le gore mongwe le mongwe o tla nna le dijo tse dintsi tse a tla di jang. (Pesalema 72:16) Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka tsholofelo eno ya se se tla diregang mo nakong e e tlang le lebaka la go bo o ka e ikanya, bala setlhogo se se reng, “A Real Hope for a Better Tomorrow.”