Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Chris McGrath/Getty Images

Ntwa—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Ntwa—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

 Go ralala lefatshe, dintwa di tsweletse ka go baka tshenyo, kutlobotlhoko le go boga. Ela tlhoko dipego tse di latelang:

  •   “Mo ngwageng o o fetileng, batho ba le bantsi ba ile ba swa ka ntlha ya ntwa, segolobogolo kwa Ethiopia le kwa Ukraine, go gaisa mo ngwageng ope fela fa e sa le go tloga ka 1994.”—Peace Research Institute Oslo, June 7, 2023.

  •   “Ntwa ya kwa Ukraine e ne e se yone fela kgotlhang e e ileng ya gakala ka 2022. Go ralala lefatshe, thubakanyo e e amanang le dikgotlhang tsa sepolotiki e ne ya oketsega ka diperesente di le 27 mo ngwageng o o fetileng go feta ka 2021, mme e ne ya ama batho ba ka nna dibilione di le 1,7.”— The Armed Conflict Location & Event Data Project (ACLED), February 8, 2023.

 Baebele e re naya tsholofelo. E tlhalosa gore “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa.” (Daniele 2:44) Fa Bogosi joo bo busa, Modimo o tla “fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.”—Pesalema 46:9.