Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mo molemeng: Olena Yefremkina/stock.adobe.com; mo magareng: lunamarina/stock.adobe.com; mo mojeng: Rido/stock.adobe.com

NNANG LO DISITSE!

O ka Tshepa Mang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

O ka Tshepa Mang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Batho ba utlwa botlhoko fa ba swabisiwa ke batho ba ba ba tshepang. Bontsi ga bo sa tlhole bo tshepa . . .

  •   boradipolotiki ba ba ikakanyetsang ba le bosi fela.

  •   boradikgang ba ba begang dikgang tse di seng boammaaruri e bile ba se tekatekano.

  •   baitsesaense ba ba sa direleng batho dilo tse di molemo.

  •   baeteledipele ba bodumedi ba ba tshegetsang dipolotiki go na le gore ba emele Modimo.

 Go a tlhokega gore re nne kelotlhoko ka gore re tshepa mang. Baebele e a re:

  •   “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.”​—Pesalema 146:3Baebele e e Boitshepo.

Motho yo o ka mo tshepang

 Baebele e a re motho yo re ka mo tshepang ke Jesu Keresete. E ne e se fela monna yo o siameng yo o ileng a tshela bogologolo mme gape Modimo o ile a mo tlhoma go busa “e le Kgosi, mme Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo khutla.” (Luke 1:32, 33) Jesu ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, e leng puso e e setseng e busa kwa legodimong.​—Mathaio 6:10.