Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Yan Zabolotnyi/stock.adobe.com

NNANG LO DISITSE!

Go Oketsega ga Tlolomolao mo Lefatsheng—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Go Oketsega ga Tlolomolao mo Lefatsheng—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Digongwana tsa dinokwane di tlhasetse kwa Haiti. Go tletse bokebekwa kwa South Africa, Mexico le kwa dinageng tse dingwe tse di kwa Bokone jwa Amerika. Tota le kwa mafelong a bokebekwa bo fokotsegileng kwa go one, batho ba sa ntse ba senyediwa mme seo se dira gore batho ba tshoge, ba ikutlwe ba sa sireletsega e bile ba tlhobaele.

 Baebele e a reng ka tlolomolao e e diregang mo lefatsheng lotlhe?

Se Baebele e ileng ya se bolelelapele ka tlolomolao

 Baebele e ile ya bolelelapele gore tlolomolao e tla nna nngwe ya sesupo sa “malatsi a bofelo.” (Mathaio 24:3) Fa Jesu a tlhalosa ditiragalo tse e leng karolo ya sesupo seo, o ile a re:

  •   “E re ka bosula bo tla bo bo oketsegile, lorato lwa batho ba le bantsi lo tla fela”​—Mathaio 24:12.

 Baebele e ile ya bolelelapele gore “mo malatsing a bofelo” batho ba tla bo “ba sa ithibe mo go sepe, ba le bogale jo bo tshabegang, ba sa rate se se molemo.” (2 Timotheo 3:1-5) Mekgwa eno ke yone e e dirang gore go nne le tlolomolao e re e bonang gompieno.

 Mme gone, go na le lebaka la go nna le tsholofelo. Baebele e solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo go tla bo go se na bosula.

  •   “Go ise go ye kae, batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng; o tla sekaseka kwa ba neng ba le gone, mme ba tla bo ba seyo. Le fa go ntse jalo, ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”​—Pesalema 37:10, 11.

 Ithute mo go oketsegileng ka molaetsa wa tsholofelo wa Baebele le gore goreng o ka tlhatswega pelo gore ditiragalo tse di diragalang gompieno, di diragatsa boporofeti jwa Baebele. Bala ditlhogo tse di latelang.

 A Real Hope for a Better Tomorrow” ka Seesemane

 Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?

 Did the Bible Predict the Way People Think and Act Today?” ka Seesemane