Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rui Almeida Fotografia/Moment via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Thubakanyo ya Tsa Sepolotiki—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Thubakanyo ya Tsa Sepolotiki—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Thubakanyo e e amanang le dilo tsa sepolotiki e a oketsega mo lefatsheng.

  •   Kwa Mexico go ile ga bolawa boradipolotiki ba le 39 ba ba neng ba batla go tlhophiwa go nna baeteledipele, mo godimo ga moo mo ngwageng wa 2023 go ya go 2024, go ile ga nna le thubakanyo e e amanang le dilo tsa sepolotiki ka nako ya ditlhopho.

  •   Bosheng jaana kwa Europe, go ile ga nna le dipego di le dintsi tsa thubakanyo e e amanang le dilo tsa sepolotiki, go akaretsa le go batla go bolawa ga tonakgolo ya Slovakia ka May 15, 2024.

  •   Kwa United States batho ba gakgamaditswe ke go batla go bolawa ga moporesidente wa pele e bong Donald Trump ka July 13, 2024.

 Goreng thubakanyo e e amanang le dilo tsa sepolotiki e le ntsi jaana? A e tla tsamaya e fela? Baebele e a reng?

Go kgaogana ga dipolotiki go sa le go boleletswe pele

 Baebele e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya rona e e e bitsang ‘malatsi a bofelo,’ batho ba le bantsi ba tla nna le mekgwa e e dirang gore go nne le thubakanyo le dingangisano.

  •   “Mo malatsing a bofelo, go tla nna le dinako tse di thata e bile di le kotsi. Gonne batho . . . ba sa leboge, ba sa ikanyege, . . . ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe, . . . ba le bogale jo bo tshabegang, . . . ba tsietsa ba bangwe, ba le tlhogoethata, ba ikgogomosa.”​—2 Timotheo 3:1-4.

 Baebele e ile ya bolelelapele gore go tla nna le dikhuduego tse di jaaka tse di bakiwang ke go tlhanogela puso le go nna kgatlhanong le yone. (Luke 21:9, ntlha e e kwa tlase) Le fa go ntse jalo, dilo tseno ga di na go nnela ruri.

Go tla fela

 Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla tlhoma puso ya gagwe e e kwa legodimong mo boemong jwa dipuso tsa lefatshe.

  •   “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi . . . bo tla thubaganya bo bo bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema bo le nosi ka bosakhutleng.”​—Daniele 2:44.

 Bogosi jwa Modimo bo tla kopanya batho mme bo dire gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe.

  •   Mmusi wa jone e bong Jesu Keresete, o bidiwa “Kgosana ya Kagiso,” mme o tla netefatsa gore “go tla nna le kagiso go ya go ile.”​—Isaia 9:6, 7.

  •   Babusiwa ba Bogosi joo ba setse ba ithuta go tshela ka kagiso. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Ba tla fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe, e bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”​—Isaia 2:3, 4.

 Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?” mme o lebe bidio ya setlhogo se se reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng?