Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Surasak Suwanmake/Moment via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Mogote o o Feteletseng mo Lefatsheng Lotlhe ka Selemo sa 2023—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Mogote o o Feteletseng mo Lefatsheng Lotlhe ka Selemo sa 2023—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Batho go ralala lefatshe ba itshoketse mogote o o kwa godimo thata go gaisa o o kileng wa nna teng le masetlapelo a mangwe a a bakiwang ke mogote o o feteletseng. Ela tlhoko dipego tse di latelang:

  •   “Kgwedi eno ya June e ne e le mogote thata fa e sa le batho ba simolola go rekota dithemperetšha mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng tse 174 tse di fetileng.”—National Oceanic and Atmospheric Administration, U.S. Department of Commerce, July 13, 2023.

  •   “Italy, Spain, France, Germany le Poland di aparetswe ke mogote o o feteletseng e bile go solofetswe gore dithemperetšha di oketsege go fitlha go 48°C kwa ditlhaketlhakeng tsa Sicily le Sardinia – mme go ka direga gore dithemperetšha tseo e nne tse di kwa godimo thata tse di kileng tsa nna gone kwa Europe.”—European Space Agency, July 13, 2023.

  •   “Fa lefatshe le ntse le gotela, re solofetse gore go nne le dipula tse dikgolo e bile di na gangwe le gape, tse di tla bakang merwalela e megolo.”—Stefan Uhlenbrook, mookamedi wa hydrology, water and cryosphere kwa World Meteorological Organization, July 17, 2023.

 A dipego tse di ntseng di oketsega tsa maemo a a ntseng jalo a bosa di a go tshwenya? Utlwa se Baebele e se buang ka kgang eno ya botlhokwa.

A maemo a bosa a a feteletseng a diragatsa boporofeti jwa Baebele?

 Ee. Mogote o o kwa godimo thata le maemo a mangwe a bosa a a feteletseng mo lefatsheng lotlhe, a tsamaisana le ditiragalo tse Baebele e neng ya bolelela pele gore di tla direga mo nakong e re tshelang mo go yone. Ka sekai, Jesu o ne a bolelela pele gore re ne re tla bona “dilo tse di tshosang,” kgotsa “dilo tse di sa tlwaelegang e bile di boifisa.” (Luke 21:11; Good News Translation) Go oketsega ga dithemperetšha mo lefatsheng lotlhe go tshositse batho ba le bantsi ka gonne ba akanya gore di tla dira gore lefatshe le se ka la tlhola le nniwa.

A lefatshe le tla fetoga lefelo le le sa nniweng?

 Nnyaa. Modimo o bopile lefatshe gore e nne legae la rona le le nnetseng ruri; ga a kitla a letla batho ba le senya. (Pesalema 115:16; Moreri 1:4) Tota e bile, a re o tlile ‘go senya ba ba senyang lefatshe.’—Tshenolo 11:18.

 Baebele e bontsha gore Modimo a ka kgona go sireletsa lefatshe gore le se ka la senngwa ke masetlapelo e bile o tlile go dira jalo.

  •   “[Modimo] o sisibatsa setsuatsue; makhubu a lewatle a a didimala.” (Pesalema 107:29) Modimo o na le maatla a go laola maatla a tlholego. O na le bokgoni jwa go baakanya mathata a tikologo a a dirang gore batho ba boge ka ntlha ya maemo a bosa a a feteletseng.

  •   “O tlhokomela lefatshe, o dira gore le ungwe thata e bile o a le nontsha.” (Pesalema 65:9) Modimo o tla segofatsa lefatshe gore le nne paradaise.

 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya gore Modimo o tla baakanya tikologo, bala setlhogo se se reng “Who Will Save the Earth?