NNANG LO DISITSE!
Thubakanyo e e Tshosang ya go Thuntshiwa ga Batho go Ralala Lefatshe—Baebele e a Reng ka Gone?
Ka July 2022, go nnile le ditiragalo tse di tshosang tota tse mo go tsone batho ba ileng ba bolawa ka dithunya go ralala lefatshe:
“Go bolawa ga radipolotiki mongwe wa kwa Japane [yo e kileng ya bo e le Tonakgolo e bong Shinzo Abe] go ne ga tsosa tlhakatlhakano kwa nageng eo e bile go ne ga gakgamatsa batho mo lefatsheng lotlhe, segolobolo ka gonne naga ya Japane ga e na thubakanyo e ntsi e bile e na le melao e e gagametseng.”—July 10, 2022, The Japan Times.
“Batho ba kwa Denmark ba tshositswe ke tiragalo e mo go yone monna mongwe a neng a bolaya batho ba le bararo ka sethunya kwa mmolong kwa Copenhagen.”—July 4, 2022, Reuters.
“South Africa: Banna bangwe ba ne ba bolaya batho ba le 15 ka dithunya kwa bareng kwa Soweto.”—July 10, 2022, The Guardian.
“Batho ba feta 220 ba ne ba thuntshiwa ba bo ba bolawa kwa United States ka malatsi a boikhutso a a akaretsang July 4.”—July 5, 2022, CBS News.
A go na le mabaka a go bo re ka dumela gore thubakanyo eno e tla fela? Baebele e a reng ka gone?
Thubakanyo e Tla Fela
Baebele e bitsa nako e re tshelang mo go yone e re ke ‘malatsi a bofelo,’ e leng nako e batho ba neng ba tla dira dilo tse di setlhogo tse di bontshang gore ba galefile. (2 Timotheo 3:1, 3) Thubakanyo eo e dira gore batho ba nne ba tshogile. (Luke 21:11) Le fa go ntse jalo, Baebele e solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo thubakanyo e tla bo e sa tlhole e le teng, mme ‘batho ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso, mo mafelong a a sireletsegileng le mo mafelong a boikhutso a a ritibetseng.” (Isaia 32:18) Thubakanyo e tla fedisiwa jang?
Modimo o tla fedisa batho ba ba bosula e bile o tla senya dibetsa.
“Mme badirabosula bone ba tla kgaolwa mo lefatsheng.”—Diane 2:22.
“[Modimo] o fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe. O roba bora e bile o robaganya lerumo; o fisa dikara tsa ntwa ka molelo.”—Pesalema 46:9.
Modimo o tla fedisa thubakanyo ka go ruta batho gore ba tshele ka kagiso.
“Ga di kitla di baka kotsi epe e bile ga di kitla di senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo, ka gonne ruri lefatshe le tla bo le tletse kitso ya ga Jehofa fela jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.
Tota le gone jaanong, Modimo o ruta batho gore ba tlogele thubakanyo le gore ba se ka ba tlhola ba dirisa dibetsa. O ba ruta go “fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.”—Mika 4:3.
Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya gore batho ba tla tshela mo lefatsheng ba sa boife, bala setlhogo se se reng, “Go Tshela o sa Boife Sepe—A go Ka Kgonega?”
Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka se se tla fedisang thubakanyo, bala setlhogo se se reng, “Kgabagare Lefatshe la Nna mo Kagisong!”