Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ismail Sen/Anadolu Agency via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Thoromo ya Lefatshe Kwa Turkey le Syria—Baebele e a Reng?

Thoromo ya Lefatshe Kwa Turkey le Syria—Baebele e a Reng?

 Go ile ga nna le thoromo ya lefatshe kwa Turkey le Syria ka Mantaga ka di6 tsa February, 2023.

  •   “Thoromo ya lefatshe e ile ya bolaya batho ba feta 3 700 kwa Turkey le Syria ka Mantaga. Batho ba le bantsi ba ile ba gobala mme ba bangwe ba ile ba senyegelwa ke matlo. Se se dirileng gore go nne maswe le go feta ke gore go ne go le tsididi thata. Gape maemo ao a bosa a ne a dira gore go nne thata gore ba thuso ya namolo ba bone batho ba ba falotseng.”—Reuters, February 6, 2023.

 Re utlwa botlhoko thata fa dilo tse di jaaka tseno di direga. Mme gone, re a itse gore Jehofa a o tla re thusa mo dinakong tseno tse di thata ka gonne ke “Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) O re kwaletse Baebele gore e re gomotse le gore e re thuse go nna le tsholofelo.—Baroma 15:4.

 Baebele e re bolelela gore:

  •   Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe.

  •   Re ka bona kae kgomotso le tsholofelo.

  •   Modimo o tlile go fedisa jang dilo tse di re utlwisang botlhoko.

 Fa o batla go utlwa gore Baebele e a reng ka dikgang tseno, bala ditlhogo tseno:

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.