Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Go Tlhatloga ga Ditlhwatlhwa—Baebele e a Reng ka Gone?

Go Tlhatloga ga Ditlhwatlhwa—Baebele e a Reng ka Gone?

 Mo pegong ya June 2022, poresidente wa World Bank Group o ne a re: “Maemo a ikonomi a lefatshe lotlhe ga a jese diwelang gotlhelele. Ditlhwatlhwa tsa dilo tse re di tlhokang di nna di tlhatloga, mme batho ba ga na madi.”

 International Monetary Fund yone e a re: “Tlhwatlhwa ya dijo le leokwane e nna e ntse e ya kwa godimo, mme batho ba ba amegang thata ke ba ba nnang mo dinageng tse di humanegileng.”

 Baebele e re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa maemo a ikonomi a nna maswe le go feta, e re naya kgakololo ya gore re ka a itshokela jang e bile e tlhalosa gore Modimo o tlile go a rarabolola jang.

Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa mo “malatsing a bofelo”

  •   Baebele e a re re tshela mo “malatsing a bofelo.”—2 Timotheo 3:1.

  •   Jesu o ne a re mo metlheng ya bofelo, go tla direga “dilo tse di tshosang.” (Luke 21:11) Fa ditlhwatlhwa di ntse di ya kwa godimo, batho ba tsenwa ke tsebetsebe. Batho ba tshwenyegile ka se se tla diregang mo nakong e e tlang, e bile ba ipotsa gore a ba tla kgona go tlamela malapa a bone.

  •   Buka ya Tshenolo e ile ya bolelelapele gore dijo di tla nna di tlhatloga mo metlheng ya bofelo. “Ke ne ka utlwa lentswe le re. . .  ‘Kilogerama ya korong ke denario le dikilogerama di le tharo tsa barele ke denario.’”Tshenolo 6:6.

 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka malatsi a bofelo le ka boporofeti jo bo mo bukeng ya Tshenolo, lebelela bidio e e reng Lefatshe le Fetogile go Tloga ka 1914. Gape bala setlhogo se se reng “Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

Tharabololo ya mathata a ikonomi

  •   “Ba tla aga matlo ba bo ba nna mo go one, e bile ba tla jala masimo a morara ba bo ba ja maungo a one. Ga ba kitla ba aga go bo go nna o sele, e bile ga ba kitla ba jala go bo go ja batho ba bangwe.”—Isaia 65:21, 22.

  •   “Go tla nna le dijo di le dintsi mo lefatsheng; Di tla tlala mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

  •   “‘Ka ntlha ya gore ba ba bogisiwang ba a gatelelwa, ka ntlha ya gore bahumanegi ba a lela, ‘ke tla dira sengwe,’ go bua Jehofa.”—Pesalema 12:5. a

 Modimo o tla fedisa mathata a ikonomi, e seng fela mo nageng e le nngwe, mme mo lefatsheng lotlhe. Go bona gore o tla dira seo jang, bala setlhogo se se reng “A go ka Kgonega Gore go Nne le Tsamaiso e e Siameng ya Ikonomi?

 Tota le gone jaanong, Baebele e ka go thusa gore o itshokele maemo a a thata a go tlhatloga ga ditlhwatlhwa. Jang? E na le kgakololo e e molemo ya gore re ka dirisa jang madi a rona sentle. (Diane 23:4, 5; Moreri 7:12) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone” le se se reng “How to Live on Less.”

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.