Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Anna Moneymaker/Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Baitsesaense ba Isitse Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego Kwa Pele—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Baitsesaense ba Isitse Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego Kwa Pele—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka January 24, 2023, baitsesaense ba ne ba isa Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego a ya tshwantshetso gaufi le bosigogare, se se rayang gore lefatshe le ya bokhutlong.

  •   “‘Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego’ e tshwantshetsa gore batho ba tlile go senngwa. Ka Labobedi, baitsesaense ba ile ba isa nako eo gaufi le bosigogare, ka ntlha ya ntwa ya kwa Ukraine, go tshaba dintwa tsa nuklea le ka ntlha ya maemo a bosa a a sa iketlang.”—AFP International Text Wire.

  •   “Ka Labobedi, baitsesaense ba ile ba re ba isitse nako ya ‘Letsatsi la Tshenyego’ kwa pele ka metsotswana e le 90 pele ga bosigogare—seo se ile sa dira gore batho ba akanye gore letsatsi la aramagedona le gaufi go feta le e leng pele.”—ABC News.

  •   “Setlhopha sa baitsesaense se ile sa tlhagisa gore matshelo a batho a mo kotsing go feta mo nakong e e fetileng.”—The Guardian.

 A re gaufi le go fedisiwa, go akaretsa le polanete e re tshelang mo go yone? A re tshwanetse go boifisiwa ke se se tlileng go diragala? Baebele e a reng ka kgang eno?

Se bokamoso bo re tshwaretseng sone

 Go ya ka Baebele, ‘lefatshe le tla tswelela le le gone ka bosakhutleng’ e bile batho “ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.” (Moreri 1:4; Pesalema 37:29) Ka jalo, batho ga ba kitla ba fedisa lefatshe kgotsa ba dira gore re se ka ra kgona go tshela mo go lone.

 Le fa go ntse jalo, Baebele e a tle e bue ka bokhutlo jwa lefatshe. Ka sekai, e a re “lefatshe le a feta.”—1 Johane 2:17.

Tswelela o leba dilo sentle

 Baebele e ka re thusa go leba dilo sentle le fa go na le mathata mo lefatsheng. E ka dira seo jang?

 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka se Baebele e se rutang, re go laletsa gore o ithute le rona Baebele mahala.

a “Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego e diretswe go tlhagisa batho kafa re leng gaufi ka gone go senya lefatshe la rona ka didirisiwa tse di kotsi tsa thekenoloji tse re di dirang. E re gopotsa dilo tse re tshwanetseng go di dira fa e le gore re batla go falola.”—Bulletin of the Atomic Scientists.