Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Manuel Reino Berengui/DeFodi Images via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

A Tota World Cup e ka Dira Gore Batho ba Utlwane?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

A Tota World Cup e ka Dira Gore Batho ba Utlwane?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Go lebeletswe gore batho ba ka nna dibilione di le 5 ba lebelele FIFA World Cup e e simolotseng ka November 20 go fitlha ka December 18, 2022. Batho ba le bantsi ba akanya gore metshameko e e tshwanang le eno e ka ba thusa gore ba utlwane le morago ga gore e fele.

  •   “Metshameko e kgona go fetola lefatshe. E ka kgona go rotloetsa batho go dira se se siameng. Gape e ka kgona go ba thusa gore ba utlwane.”—Nelson Mandela, yo e neng e le moporesidente wa Afrika Borwa.

  •   “Kgwele ya dinao (bolo) . . . e dira gore batho ba nne le tsholofelo, ba itumele, ba ratane e bile gape e dira gore ba utlwane le fa ba tswa mo ditsong tse di farologaneng.”—Gianni Infantino, moporesidente wa FIFA. a

 A tota World Cup kgotsa metshameko mengwe e ka kgona go dira seno? A kagiso le kutlwano di tla nna gone?

A e tla dira gore batho ba utlwane?

 World Cup ya ngwaga ono e dirile gore batho ba akanye ka dilo di le dintsi ntle fela le kgwele ya dinao. Metshameko eno e ile ya dira gore batho ba ngangisane ka dikgang tse di amang batho le tsa dipolotiki tse di akaretsang maemo a itsholelo, ditshwanelo tsa batho le go tlhaola batho go ya ka mmala.

 Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba santse ba itumelela go lebelela metshameko e e jaaka World Cup. Le fa batho ba batla gore metshameko eno e dire gore ba agisane, ga e kgone go dira jalo. Go na le moo, e dira gore batho ba nne le mekgwa e e dirang gore ba se ka ba utlwana, e Baebele e reng e tla nna gone “mo malatsing a bofelo.”—2 Timotheo 3:1-5.

Tsholofelo ya mmatota ya gore batho ba tla utlwana

 Baebele e bua ka tsholofelo ya gore batho mo lefatsheng lotlhe ba tla utlwana. E re solofetsa gore batho botlhe ba tla agisana fa ba busiwa ke puso e e kwa legodimong e e bidiwang “Bogosi Jwa Modimo.”—Luke 4:43; Mathaio 6:10.

 Kgosi ya Bogosi joo, e bong Jesu Keresete o tla dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe. Baebele e a re:

  •   “Basiami ba tla oketsega, e bile kagiso e tla nna ntsi.”—Pesalema 72:7.

  •   “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso . . . O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Pesalema 72:12, 14.

 Gompieno, dithuto tsa ga Jesu di thusitse batho ba le dimilione gore ba utlwane mme ba tswa mo dinageng di le 239. Ba ithutile go rata batho ba bangwe. Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng, bala ditlhogo tse di ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Letlhoo le ka Fedisiwa.”

a Fédération Internationale de Football Association, setlhopha se se laolang sa lefatshe lotlhe sa kgwele ya dinao.