Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Bakaulengwe ba Thusiwa ka Nako ya Leroborobo

Bakaulengwe ba Thusiwa ka Nako ya Leroborobo

JULY 1, 2021

 Ka March 2020, fa World Health Organization e ne e tlhalosa gore COVID-19 ke bolwetse jwa leroborobo, batho ba le bantsi ba ne ba sa akanye gore morago ga ngwaga bolwetse jono bo tla bo bo sa ntse bo le teng. Batho ba le bantsi, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba ile ba amiwa ke bolwetse jono ka ditsela tse di farologaneng. Bangwe ba ile ba tsenwa ke bolwetse jono mme ba bangwe ba ile ba latlhegelwa ke ditiro. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rulaganya go thusa Basupi ba bangwe jang ka nako eno?

Ba ba Tlhokang ba a Thusiwa

 Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e ile ya tlhoma Dikomiti Tsa Namolo di le 950 mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya bolwetse jono jwa leroborobo jwa COVID-19. Mo maemong a mangwe Komiti eno e ile ya rulaganya gore Basupi ba bangwe ba thuse Basupi ba ba gaufi le bone ka dilo tse ba di tlhokang. Mme mo maemong a mangwe ba ile ba rulaganya gore Basupi ba thusiwe ke puso, kgotsa ba thusiwe ke Dikomiti tseno.

 Ka sekai, akanya ka se se ileng sa diragala kwa Paraguay. Lokwalodikgang longwe lo ile lwa bega ka ditlamorago tsa COVID-19 mo ikonoming. Go ile ga kwalwa go twe: “Ba-Paraguay ba le bantsi ba bolawa ke tlala ba le mo magaeng a bone.” Mme Dikomiti Tsa Namolo kwa Paraguay di ne di setse di simolotse go naya Basupi dilo tse ba di tlhokang tse di neng di ka ba tsaya dibeke di le pedi. E ne e le dijo le dilo tse di phepafatsang tse di ka lekanang lelapa la batho ba le banê. Dijo le dilo tse dingwe tse di neng di phutheletswe lelapa lengwe le lengwe, di ka ja R411,47.

 Ba ba direlang mo Dikomiting Tsa Namolo ba itshireletsa jang e bile ba sireletsa ba bangwe jang? Ba tsenya di-mask gape ba nna ba katogile batho ba bangwe. Gape ba tlhomamisa gore dikhampani tse di ba tlisetsang dijo di direla dijo tseo mo mafelong a a phepa le gore ba latela dikaelo tsa COVID-19. Batho botlhe ba ba isang dijo kwa malapeng a batho ba apara diaparo tse di ba sireletsang, ba phepafatsa dikoloi tsa bone le go baya dijo mo mafelong a a phepa. Gape fa ba isa dijo ba nna ba katogile bakaulengwe ba ba amogelang dijo tseo.

Ba Dirisa Meneelo ka Botlhale

 Ka January 2021, Komiti ya Barulaganyi e ne ya rulaganya gore go dirisiwe R342 919 750 mo Dikomiting Tsa Namolo tsa COVID-19. Makala le Dikomiti Tsa Namolo ba dirisa meneelo eno sentle e bile ba kopa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase fa ba reka dilo tse di tlhokegang. Ka sekai, kwa Chile bakaulengwe ba ba direlang mo Dikomiting Tsa Namolo ba ne ba batla go reka dikilogerama tsa dinawa tsa letlhodi di le 750. Mme tlhwatlhwa ya letlhodi e ne e tlhatlogile thata mo kgweding e le nngwe. Morago ga diura di le pedi ba se na go dumalana gore ba tla le reka ka tlhwatlhwa eo, morekisi o ne a boela mo go bone a bo a ba bolelela gore go na le mongwe yo o neng a rekile letlhodi mme o le busitse. Jaanong go na le gore a ba rekisetse letlhodi ka tlhwatlhwa e e kwa godimo, o ne a ba le rekisetsa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ya kgwedi e e fetileng.

 Jaanong fa bakaulengwe ba ya go tsaya letlhodi, morekisi o ne a batla go fetola se ba neng ba dumalane ka sone, a re ba isetsa batho dijo tse ba sa di tlhokeng mme ba dira fela jaaka mekgatlho e mengwe e ntse e dira. Mokaulengwe mongwe o ne a rapelela mo pelong a bo a tlhalosetsa morekisi gore go sekasekilwe gore mongwe le mongwe mo phuthegong o tlhoka eng. Gape bakaulengwe ba ne ba tlhalosa gore batho ba ba tlileng go amogela dijo tseo ke batho ba ba farologanang ka lotso le gore lelapa lengwe le lengwe le tlile go tsenyediwa dijo tse ba tla di ratang. Ba bo ba mo tlhalosetsa gore meneelo yotlhe e e ntshediwang Basupi ba ga Jehofa e ntshiwa ka go rata. Seo se ne sa mo jesa kgakge. Morekisi o ne a dumela go ba rekisetsa letlhodi ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Gape o ne a ntsha moneelo wa dikilogerama di le 400 tsa letlhodi fa bakaulengwe ba otara gape.

“E Bontsha Gore ba a Ratana”

 Lusu, ke motlholagadi yo o nnang kwa Liberia. O nna le ngwana wa gagwe, monna yo o nyetseng ngwana wa gagwe le bana ba bone ba bararo. Nako nngwe mo mosong fa ba ntse ba ja e bile ba bala temana ya letsatsi, ngwana wa ngwana wa ga Lusu, yo o nang le dingwaga di le supa o ne a lemoga gore ga go sa tlhole go na le dijo mo ntlong. O ne a botsa gore: “Re tlile go ja eng?” Lusu o ne a mmolelela gore o setse a kopile Jehofa gore a ba thuse mme o a itse gore Jehofa o tlile go dira fela jalo. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, Lusu o ne a founelwa ke bagolwane ba phuthego ya gagwe, ba mmolelela gore a tle go tsaya dijo tse ba di tlhokang. A re: “Ngwana wa ngwanake jaanong o a itse gore Jehofa o utlwa dithapelo le gore o a di araba, ka gonne o bone Jehofa a araba thapelo ya me.”

Bana kwa Democratic Republic of Congo ba ne ba torowa ditshwantsho go leboga bakaulengwe ba bone ka dijo

 Mosadi mongwe wa kwa Democratic Republic of Congo yo o nnang gaufi le lelapa la Basupi, o ne a bona lelapa leno le amogela dijo go tswa mo Basuping ba bangwe. O ne a re: “Fa bolwetse jono jwa leroborobo bo fela re a go nna Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba a tlhokomelana fa go le thata.” Monna wa gagwe o ne a mo raya a re: “A o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa fela gore ba go fe raese?” O ne a mo raya a re: “Nnyaa, kana raese ele e bontsha gore ba a ratana.”

 Basupi ba ga Jehofa ba kgonne go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka bonako ka nako eno ya bolwetse jwa leroborobo, ka ntlha ya meneelo ya lona e lo e ntshang ka bopelotshweu. Re lebogela meneelo e lo e ntshang lo dirisa ditsela tse di tlhalositsweng mo donate.pr418.com.